Go to full page →

Mašome a Feramongwe le Boferamongwe KMR 57

Go no go le mašome a feramongwe le boferamongwe a a neng a bolokesegile
Mo loobong lwa leseka,
Mme e le nngwe e ne e le kwa ntle dithabeng,
Kgakala le dikgoro tsa gouda;
Koo kwa nageng dithabeng kwa go seng boitshubelo,
Kgakala le tlhokomelo ya Modisa yo O bonolo.

“Morena, O na le tsa Gago tse di mašome a feramongwe le boferamongwe;
A ga dia Go lekana?”
Mme Modisa A dira karabo: “E le nngwe ya Me
E dule mo go Nna;
Mme lefa tsela e le magwata e le mokong,
Ke ya kwa nageng go bona nku ya Me.”

Mme ga go ope wa ba ba rekolotšweng yo o itsileng
Boteng jwa metse a a kgabagantšweng;
Le gore e ne e le bosigo jo bo bontsho jang jo Morena O bo
Kgabagantseng pele ga a bona nku ya Gagwe e e timetseng.
Kgakala kwa nageng A utlwa go lela ga yone,
E idibala e sena thuso e le gaufi le go šwa.

“Morena marothodi a a madi mo tseleng yotlhe ke a eng,
A a tšhwayang tselana ya thaba?”
“A na a tšhololelwa mongwe yo o na a timetse,
Pele ga Modisa a na a ka mmusa.”
“Morena ke ka ntlhang fa diatla tsa Gago di gagogile mo go kalo?”
“Di tlhabilwe bosigong jono ke mitlwa e le mentsi.”

Mme gotlhe mo dithabeng, tse di gagotšweng ke tladi,
Le go tlhatloga mokong o o maje,
Ga tlhatlogela kwa dikgorong tsa legodimo kgoo,
“Itumeleng, Ke bonye nku ya Me!”
Mme baengele ba opela tikologong ya terone
“Itumeleng gonne Morena O busa e e leng ya Gagwe!” KMR 57.1