Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    13. BOITUMELO MO MORENEN

    Bana ba Modimo ba biledicwe go nna dichwanchò tsa ga Keresete, Ka go bònatsa Molemò le kutlwèlò botlhoko ea Morèna. Hèla yaka Yesu a re senolèla Rara kaha o nntseñ ka gòna, le rona re chwanetse go senola Keresete mo lehatshiñ; e le lehatshe ye le sa itseñ loratò lo logolo lo lo nòlò loa gagwè. Yesu a re, “Yaka u nthomile mo lehatshiñ, hèla yalo le nna ke romile bònè mo lehatshiñ.” Nna mo go bone, le Wèna mo go nna, gore lehatshe le itse ha u nthomile.” Yohane 17: 18, 23. Moapostoli Paulo a raea barutwa ba ga Yesu, a re, Lo bonatshegile ha lo le lokwalo loa ga Keresete,” lo lo itsiweñ, lo balwa ke batho botlhe. Ñwana moñwe le moñwe oa ga Yesu ke lokwalò loa gagwè lo o lo rometseñ mo lehatshiñ. Ha u le molatedi oa ga Keresete, u lokwalò loa gagwè mo baneñ ba gago, le mo motsaneñ oa ga eno, le mo kgotleñ e u agileñ mo go eòna. Yesu, ka a agile mo go wèna, o rata go bua le dipelo tsa ba ba sa ino itseñ. Goñwe ba sa bale Bibele, goñwe ba sa utlwe lencwe ye le buañ nabò mo ditsebeñ tsa bòna; ba sa bònè loratò loa Modimo mo ditiroñ tsa Ona. Me ha u le moshupi rure oa ga Yesu, ba ka tla ba nna ba gogèlwa mo go tlhaloganyeñ señwe sa molemò oa gagwè, me ba gapèlwa kwa go mo rateñ, le go mo dirèla.DDI 135.1

    BaKeresete ba tlhomilwe go nna bachola maaedi mo tseleñ e e eañ legodimoñ. Ba chwanetse go phatsimèla lehatshe ka lesedi ye Keresete o ba phatsimèlañ ka yeòna. Botshelò yoa bònè, le maitseò a bònè a chwanetse go nna a mantlè, gore ba bañwe ba lemoge ka tshiamò kaha Keresete o nntseñ ka gòna, le tirèlò ea gagwè kaha e nntseñ ka gòna.DDI 135.2

    Ea re ha re chwanetse Keresete, tirèlò ea gagwè e tla nna kgatlhègò mo go bañwe, rure hèla yaka e nntse. BaKeresete ba ba iphuthèlañ lehihi le bohutsana mo dipeduñ tsa bònè, me ba ñoñorèga ba dumadumahèla, ba chwantshetsa ba bañwe selò se sele hèla eseñ Modimo, eseñ botshelò yoa SeKeresete. Ekete ba re, Modimo ga o rate ha bana ba Ona ba itumèla; me yalo ba pateletsa Rra oa rona oa legodimo.DDI 136.1

    Satane oa ipela ha a gògèla bana ba Modimo mo tumologoñ, le mo boitlhobogoñ. O itumèla go re bòna re belaèla Modimo, re latola loratò loa òna, le nonohò ea Ona ea go re boloka. O rata ra ikutlwa ha Morèna a tla re utlwisa botlhoko ka pabalèlò e o re tlamèlañ ka eòna. Ke tirò ea ga Satane go kaèa Morèna ha a le botlhòkapelo, le botlhòkachwarò. O haposa boamarure kaga gagwè. O tlatsa megopolò ea motho ka maaka kaga Modimo; me rona, re tle re lese go chwara boamarure kaga Rra echo oa legodimo, me re latèle maaka a ga Satane, me re tlotlolole Modimo ka go bisa go o ikanya, le ka go ñoñorèga kaga Ona. Satane o leka ka galè go hihihatsa botshelò yoa tumèlò. O rata gore go nnè yaka ekete ke latsapa hèla, le bothata; me ea re ha MoKeresete le ènè a ichupa ha botshelò yoa tumèlò bo nntse yalo, ènè, ka tumologò ea gagwè o tlatsa maaka a ga Satane.DDI 136.2

    Gapè, batho ba le bantsi, ea re ba nntse ba tsamaea mo tseleñ ea botshelò yoa bònè ba ikgopodise diphoshò tsa bònè, le ditlhaèlò, le ditsietsègò tsa bònè; me dipelo tsa bònè di tlale bohutsana, le ñodiègò. E rile ke le kwa Europa, ke le mokwadi, kgantsadi moñwe eo o na a nntse a dira yalo, me a le mo tlaleloñ e kgolo, a nkwalèla, a ntòpa lehoko leñwe ye le ka mo nametsañ. Meyana, ea re bosigo youò, ke sena go bala lokwalò loa gagwè, ka lòra; me mo toroñ ka bo ke le mo tshimoñ; me moñwe, ea nna ekete ke èna muñ oa tshimo, a bo a ntsamisa teñ ga eòna tshimo. Me ka kgetla dicheshe ka itumèlèla monkò o o monate oa còna. Me ga bo go le mosetsana kgantsadia muñ oa tshimo me ka bo ke tsamaea naè mo tseleñ, me a nkaèla mitlwa e e emeñ mo tseleñ, me e rata go re kganèla.DDI 136.3

    Me a èma kwa thòko ga tsela a òmana, a ñoñorèga; me a bo a se mo tseleñ a sa sale motsamaisi morago; me a leka go tsamaea mo mitlweñ. Me A re, “A bo go utlwisa botlhoko yañ tshimo e ntlè e señwa ke mitlwa yana”! Me eo o re eteletseñ pele, a re, Tsamaea mo tseleñ hèla, lesa mitlwa, ka e tla gu tlhaba, kgetla dicheshe hèla, le dithunya ha go senañ mitlwa.DDI 137.1

    A yana, le wèna, a ga go e se go ko go nnè dipaka tsa boitumèlò yo bontlè mo botsheloñ yoa gago? A ga u e se u ko u bònè dipaka tse di ratègañ, me pelo ea gago ea òpaòpa ka boitumèlò ka e arabana le mòea oa Modimo? Ha u sheba kwa moragò, me u gopola dipaka tse di hetileñ tsa botshelò yoa gago yoa SeKeresete a ga u bònè ha u kile ua nna ua bòna dipaka tse di gu itumedisitseñ? Dicholohecò tsa Modimo a ga dia èma ha tseleñ ea gago ntlheñ cotlhe yaka dicheshe tse di monkò o o monate? A ga u nko u leseletsa monate oa còna, le botshe yoa còna go tlatsa pelo ea gago ka boitumèlò?DDI 137.2

    Mitlwa eòna e tla gu tlhaba e gu gagola hèla. Me ha u kgetla còna hèla me u di naea ba bañwe, a ga e tla bo e le go re, u nyatsa molemò o Modimo o o gu naeañ, u ba u kgoreletsa ba bañwe, gore ba se tsamaee mo tseleñ ea botshelò?DDI 137.3

    Ga se botlhale go kokwanya, le go boloka mmògò’ dikgakologèlò cotlhe tse di mpe tsa metlha e e hetileñ ea botshelò, eboñ maikepo, le ditsietsègò,—go di bua, le go di lelèla, go tlo go tsamaee re ribegediwe ke ñodiègò. Pelo e e ñodiegileñ e tletse lehihi, e cwaletse lesedi ya Modimo kwa ntlè, me e digetse lehihi mo tseleñ ea ba bañwe.DDI 138.1

    A Modimo o lebogèlwè dichwanchò tse dintlè tse o di re shupeditseñ. A re kokwanyeñ ditlhòmamishò tsa loratò loa òna, Tse di tlhògònòlòhatsañ, me re di lebè ka galè ka galè. Morwa Modimo o na a tlogèla bonnò yoa ga Rragwè, me bomodimo yoa gagwè a bo apesa ka botho, gore a tlè a phamolè batho mo thateñ ea ga Satane; a henyetsa rona, a bulèla batho legodimo, a senolèla ponò ea batho helò kwa Modimo o sirololèlañ kgalalèlò ea òna gòna. Bòna, losika loa batho lo choledicwe lo tlhatlosicwe mo moletiñ oa tshenyègò o lo no lo piriganyedicwe mo go òna ke boleo, me lo bile lo kopancwe le Modimo Mothata eotlhe; me ea re ba sena go ichokèla tekò e Modimo o ba lekileñ ka eòna, ka go dumèla mo go ènè Morekolodi, yanon ba apesicwe tshiamò ea ga Keresete, me ba goledicwe kwa sennoñ sa gagwè sa bogosi;—ke còna dichwanchò tse Modimo o ratañ, gore re di lebè, re di akanyetsè.DDI 138.2

    Ea re ha go nna yaka ekete re belaèla loratò loa Modimo, me re ikanyolèla dicholohecò tsa Ona, rea o tlotlolola, re ba re tlhokohatsa Mòea oa Ona o o Boitshèpò, Kana, Mma banyana o tla ikutlwa yañ ha bana ba gagwè ba ñoñorèga kaga gagwè ka malatsi aotlhe, hèla yaka ekete a sa rate go ba otla sentlè, le yaka ekete a sa dirè sepè go ba tlamèla, le go ba gomotsa, le go ba godisetsa pele? Ha ba ka belaèla loratò loa gagwè, go tla mo phalola pelo. Motsadi oa bana o tla ikutlwa yañ ha bana ba gagwè ba ka dira yana?DDI 138.3

    Me Rra echo oa Legodimo o tla ikutlwa yañ kaga rona ha re belaèla loratò loa gagwè, lo o ntshitseñ Morwawè eo o esi ka ntlha ea lòna, gore re bònè botshelò? Moapostoloi o kwadile, a re, “Ona o o se kañ oa rèkègèla eo e leñ Morwa òna, me oa mo neèlèla rona rotlhe loshuñ, ana o tla tlhòka yañ go re naea hèla dilò cotlhe nae”? Baroma 8: 32. Leha go nntse yalo, ha le bantai ba bua ka ditirò tsa bònè, leha molomo o sa bue, ba re, “Morèna Ha a bua yana, ga a ree nna, kgampò o rata ba bañwe, me nna, ga a nthate”.DDI 139.1

    Me gotlhe go mo, ke go senyetsa mòea o e leñ oa gago: ka go bo lehoko leñwe le leñwe ya pelaèlò ye u le buañ u ipiletsa dithaèlò tsa ga Satane ka yeòna. Gapè, ke go thulamisetsa pelo ea gago kwa pelaeloñ, le go lelekèla koñ baengela ba ba gu thusañ. Ea re ha Satane a gu raèla, u se ka ua bua sepè sa pelaèlò, le lehihi. Ha u bulèla dikgakololò tsa gagwè moyakò pelo ea gago e tla tlala boikanyologò, le dipocò tse di cosañ borukhutlhi. Ha u bolèla maikutlwò a gago, pelaèlò ñwe le ñwe e tla ba e boèla mo go wèna, me e tla nna peo e e tla melañ mo go ba bañwe, e ba e uñwa louñò; me go ka tla ga retela go tlosa boshula yo bo dirwañ ke mahoko a gago. Le galè, wèna ka wesi ekare goñwe ua halola mo lobakeñ loa thaèlò, me ua pliela mo seruñ sa ga Satane; me ba bañwe ba ba chotseñ mahoko a gago, ba ka retelèlwa ke go ikgolola mo tumologoñ e wèna u e ba gakolotseñ. Go moleinò yañ gore re buè hèla dilò tse di thusañ botshelò yoa tumèlò, le tse di thatahatsañ batho go dirèla Modimo.DDI 139.2

    Baengele ba gu reeditse go utlwa kaha u shupañ kaga Muñ oa Legodimo oa gago ka gòua mo lehatshiñ. A molomo oa gago o buè kaga gagwè eo o tshedileñ go gu rapèlèla ha pele ga Rara. E re ha u chwara lecògò ya tsala ea gago, a pakò ea Modimo e nnè mo molomuñ oa gago, le mo peduñ ea gago. Go mo, go tla isa megopolò ea tsala ea gago kwa go Yesu.DDI 139.3

    Botlhe ba tle ba tsène mo ditekoñ; maliutsana a tle a nne thata; go nne thata go ganèla le dithaèlò. U se ka ua bolèlèla batho diphuduègò tsa gago, me u ise gotlhe kwa Modimoñ ka thapèlò. U itaolè gore u se bue lehoko lepè ya pelaèlò, leha e le ye le ñodiègisañ. U ka thusa ba bañwe thata go ba naea boitumèlò, le go ba thatahatsa mo tiroñ ea bònè ka mahoko a mantlè a a ba nametsañ.DDI 140.1

    Go bantsi ba ba pelokgale. Me ba pitlagancwe ke thaèlò; me ba batla go idibala ba le mo ntweñ ea go tlhabana le bobònè, le dithata tsa boshula. U se ka ua ñodiegisa eo o nntseñ yalo mo ntweñ e o mo go eòna. Mo nametsè ka mahoko a a tla cosañ cholohèlò mo go ènè, me a mo cwedisetsa pele mo tseleñ ea gagwè. Yalo lesedi ya ga Keresete le tla phatsima ka wèna. “Ga go opè eo o itshelèlañ”. Baroma 14: 7. Me ka mòea o o mo go rona, ba bañwe ba ka thusiwa ba bòna nonohò, goñwe ba ka ñodiegisiwa, me ba kganèlwa mo go eeñ kwa go Keresete, le kwa boamarureñ.DDI 140.2

    Go batho bantsi ba ba nañ le megopolò e e kgweleaganyeñ kaga botshelò, le maitsèò a ga Keresete. Ba gopola ha a na a le tsididi hèla, a sena bothitò yoa letsatsi, ba re, o na a le bogale, a le thata, a sena boitumèlò a sena mahoko. Me ba le bantsi ba hihihatse botshelò yoa bònè ka megopolò e e nntseñ yalo.DDI 140.3

    Go tlo go twe, Yesu o na a lela, me ga a ka a itse go rumaruma leha e le go nyenya gopè. Le galè, Mmoloki oa rona e ne e le motho oa maliutsana, me a tlwaèla pelo e botlhoko; ka gonne a bula pelo ea gagwè, a e bulèla mahutsana aotlhe a batho. Me laha botshelò yoa gagwè bo no bo nntse yalo, yoa boitatolò. Yoa nna mo morutiñ oa botlhoko le tlhodiègò, mòea oa gagwè ga oa ka oa pitlagañwa. Sehatlhògò sa gagwè ga sea ka sa apara chupò ea bohutsana le ñoñorègò, me sa phatsima kagishò hèla. Pelo ea gagwè e ne e le mocwedi oa botshelò, me goñwe le goñwe kwa o eañ gòna a isa boikhucò, le kagishò, le boitumèlò gòna.DDI 140.4

    Mmoloki oa rona o na a le mogopolo o o bokete, a le tlhòahalò e kgolo, me a se kgalehò le boñoñobi gope. Botshelò yoa ba ba mo etsañ bo tla tlala tlhòahalò; ba tla ikutlwa, go re, go beilwe morwalò oa boipolèlò mo go bònè. Ditshègòtshegò di tla shutisediwa koñ ditshamèkò tsa matlhapèlò di tlabo di seeò, le dinya tse di sa siamañ tse di mashwe, di tla tlhòkahala; me thutò ea ga Yesu e phunyetsa batho kagishò yaka noka. Ga go twe go tiñwe lesedi ya boitumèlò; ga go kganelwe pelo gore, e se thame, leha e le go behisa sehatlhògò. Keresete ga a ka a tla go direlwa, ha e se go dirèla; me ha loratò lo busa mo peduñ tsa rona re tla etsa sekaò sa gagwè.DDI 141.1

    Ha re boloka megopolò ea kaha ba bañwe ba dirileñ boshula ka gòna, le yaka ba tlhoketse ba bañwe pelo, re tla retelèlwa ke go ba rata yaka Keresete a ratile rona; me ha megopolò ea rona e ka akanyetsa loratò lo lo gakgamatsañ lo Keresete o ratileñ rona ka lòna, le kutlwèlò botlhoka ea gagwè, mòea o o nntseñ yalo o tla èla mo go rona, o ba o elèla mo go ba bañwe. Re ne re tla ratana, re tlotlana, leha go ka bo go bònala melato, le diphoshò tse di sa hitlhègañ. Re chwanetse go ikokobetsa, le go belaèla borona, ra ba re nna pelotelele ha re bòna melato e e mo go ba bañwe. Go mo, go no go tla bolaea bohula yo bo pitlaganyañ maikutlò a mo teñ, me go tla re naea bopelochweu, le peloethere e e ratañ go abèla ba bañwe.DDI 141.2

    Mo Pesalemeñ, ga twe, “Ikanya mo go Yehofa, me u dirè molemò; yalo u tla aga mo lehatshiñ, me rure u tla yesiwa”. Pesalema 37: 3. “Ikanya mo go Yehofa”. Letsatsi leñwe le leñwe le na le lekòkòma ya yeòna, le ditlhodiègò, le ditharanò; me ea re ba re kgatlhana le ba bañwe, re tle re nne bohehò yañ go bolèlèlana tse di thata le ditekò tse re mo go còna. Re tle re adime dikhuduègò tsa ba bañwe, re di tlhakanye le dipoihò, me re bolèle bokete yo re bo rweleñ; me go ka gopolwa ha go sena Mmoloki, eo loratò, eo kutlwèlò botlhoko, eo o iketleeditseñ go utlwa ditòpò cotlhe tsa rona, le go nna le rona go re thusa mo lobakeñ loñwe le loñwe loa go tlhòka ga rona.DDI 141.3

    Bañwe ba mo poihoñ ka malatsi aotlhe, me ba oketse dichwenyègò ka go adima tsa ba bañwe. Ba dikanyedicwe ke dichupò tsa loratò loa Modimo ka malatsi aotlhe; baa otlwa ka tse di cwañ letlotloñ ya pabalèlò ea Ona; me ditshegohacò tse, tsa gompiyeno ba di tlodise matlhò. Dipelo tsa bònè di tlhòla di akanyetsa tse di mashwè, tse ba di boithañ go re di ka ba wèla, motha moñwe; goñwe bothata boñwe bo gòna rure, me laha bo le bonnye hèla, bo houhatse matlhò a bònè, me ba sa bònè dilò tse dintsi tse ba chwanetseñ go di lebogèla. Mathata a ba kgatlhanañ naò ga a ba kgweeletse mo Modimoñ o e leñ Ona mothusi osi; nya, a ba kgaoganya le Ona, ka a ba cosetsa go phethekgana hèla le go ñoñorèga hèla.DDI 142.1

    A ke go re, re dira sentlè ha re tlhòka tumèlo yana? Re tlhòka tebogò, le boikanyò ka ntlha eañ? Yesu ke tsala ea rona; ba legodimo botlhe ba re lebile, ba itumèla ha re tlhògònòhala. A re se leseletse ditharanò, le dichwest yò tsa letsatsi leñwe le leñwe go garuba dipelo tsa rona, le go behisa matlhò a rona. Ha re dira yalo, ga re ketla re tlhòka gopè se se re rumolañ le se se re tlhodiañ. Ga rea chwanèla go kamakama megopolò e e re garubañ e re hetsa, me e sa re thuse go ichokèla dilekò tse di tlañ mo go rona.DDI 142.2

    Motlha moñwe wèna monkana u tshiancwe ke tiro ea gago; goñwe ha u leba kwa pele go lehihi ye le nchohalañ, me tatlhegèlò e lebaganye nan; me u se ka ua ñodièga, latlhèla tlhodiègò ea gago mo Modimoñ, me u nnè hèla u iketlile, u le pelo e e thamileñ. Rapèlèla botlhale, gore u chwarè dilo tsa gago ka tlhalemaleye, me yalo u itse go thibosa tatlhegèlò le tshenyègèlò. Leka ka thata eotlhe kaga gago gore macò a tlè e nnè mantlè. Yesu o rile, o tla gu thusa, me a bo a sa re, ha u sa leka le wèna. U re u sena go dira gotlhe ga gago ka go ikaègèla Mothusi oa gago, hoo amogèla ka boitumèlò se se tla nnañ.DDI 143.1

    Ga se go rata ga Modimo gore bo Ona ba imelediwè ha hatshe ke bokete yoa ditlhodiègò. Me Morèna oa rona ga a re tsietse. Ga a re. Lo se ka loa boiha, ga go na diphatsa mo tseleñ ea lona. Oa itse ha go le ditekò, le diphatsa mo tseleñ, me o re bolèlèla ka thanolò. Ga aa ikaèlèla go tlosa ba gagwè mo lehatshiñ ya boleo le ya boshula me o ba kaèla botshabèlò yo bo tlhomameñ. Thapelò ea gagwe ha a rapèlèlèla barutwa ba gagwè ke e, “Ga ke rapele gore u ba ntshè mo lehatshiñ, ha e se go re, u ba dibèlè mo go eo boshula”. Gapè a re, “Mo lehatshiñ lo tla na le pitlagano; me nametsegañ; ke hentse lehatshe”. Yohane 17: 15; le 16: 33.DDI 143.2

    E rile a rera mo thabeñ, Keresete a ruta barutwa ba gagwè kaha ba chwanetseñ go ikanya Modimo ka gòna. Me dithutò tse a di ba neèla, gore di tle di kgwathatsè bana ba Modimo ka metlha eotlhe: me di bile di hitlhile mò lobakeñ lono loa rona di tletse dikaèlò le kgomocò. Mmoloki a kaèla balatedi ba gagwè dinonyane yaka di letsa melodi oa pakò di sa tlhodiege ka sepè; ka gonne a re, “Ga di yale, le gòna ga di robe.” Leha go nntse yalo, Rara eo mogolo o di tlamèla hèla. Me Morèna a botsa, a _re, “Me lona, a ga lo molemò bogolo go còna”? Motlamedi eo Mogolo eo o babalèlañ batho le ditshedi cotlhe o huporolola seatla sa gagwè, me a yese dibopiwa cotlhe tsa gagwè. Dinònyane tsa loapi ga di kwa ntlè ga kicò ea gagwè. Ga a tsenye diyò mo melomuñ ea còna, me o di baakanyetsa dilò tse di di tlhòkañ. Di selasela ditlhaka tse o di gaseditseñ còna. Di tle di baakanye dilònyana tse di agañ ditlhaga ka còna. Di chwanetse go otla mamphorwana a còna. Di ee tiroñ ea còna di nntse di letsa melodi hèla, ka gonne “Rra eno oa legodimo oa di yesa.” Me “Lona, a ga lo molemò thata bogolo go còna”? Lona, baobamedi ba Modimo ba lo rutegileñ, lo na le tlhaloganyò, a ga lo tlhwatlhwa e kgolo bogolo go dinònyane tsa laopa? A Mmopi oa rona, le Modibedi oa botshelò yoa rona, Ona o o re bopileñ mo chwanoñ ea Ona ea SeModimo, a ga o ketla o re tlamèla gotlhe hèla ha re ikanya mo go Ona?DDI 143.3

    Keresete a kaèla barutwa ba gagwè dicheshe tsa naga, tse di tletsetletseñ, di kgabile ka bontlè yo di bo apesicweñ ke Rara oa legodimo, e le go shupetsa batho loratò loa gagwè. A re, Me lo itlhobaèlèlèlañ diaparò? Akanyañ dithunya tsa mashòma a naga, kaha di golañ ka gòna: ga di dihe, ga di otlhe: Leha go nntse yalo kea lo raea, le e leñ èna Solomone, mo kgalaleloñ eotlhe ea gagwè, o na a sa kgabe yaka señwe sa còna tseuò. Me ha Modimo o apesa yalo boyañ yoa naga, yo gompiyeno bo emeñ, me e re ka moshò bo latlhèlwe mo pesecoñ, a ga o ketla o apesa lona bogolo yañ, lona ba tumèlò e pòtlana? Mat. 6: 28-30.DDI 144.1

    Bontlè yoa dicheshe tse, bo gaisetsa kgaka la kgalalèlo ea ga Solomone Dikhai tse di logilweñ ke batho ka bocwiriri yo bogolo, me di le matsabatsaba a a hatlhañ, ga di kake tsa chwantshiwa gopè le bontlè, yoa tlholègò yoa dithunya tse Modimo o di tlhodileñ. Yesu a botsa, a re, “Me ha Modimo o apesa yalo boyañ yoa naga, yo gompiyeno bo emeñ, me e re ka moshò bo latlhèlwa mo pesecoñ, a ga o ketla o apesa lona bogolo yañ, lona ba tumèlò e potlana?” Mat. 6: 30. Ha Modimo o apesa dicheshe tse e leñ dilò tsa naga hèla ka maatlametlo a a kana kana, bogolo yañ o tla babalèla bònè ba o ba bopileñ mo chwanoñ ea Ona! Thutò e, ea ga Keresete, e kgaodisa megopolò e e cosañ tlhodiègò, le tharano, le pelaèlò ea pelo e e senañ tumèlò.DDI 144.2

    Morèna o rata gore bana botlhe ba gagwè ba itumèlè, ba nnè kgaeishò, ba nnè kutlwò. Yesu a re, “Kagishò ke e tlogèla le lona; kagishò ea me kea e lo naea: ga ke lo nee yaka lehatshe le tle le nee batho. A dipelo tsa lona di se huduege, le gòna a di se boihe.” Yohane 14: 27. Dilò tse ke di buile le lona, gore boitumèlò yoa me bo nnè me go ona, le gore boitumèlò yoa lona bo dihalè. Yohane 15: 11.DDI 145.1

    Boitumèlò yo bo batlwañ hèla ka boithatò, kwa ntlè ga tsela ea chwanèlò, ga bo na molemò, ga bo na tlhòmamò, boa heta, bo hetèla koñ; me pelo e tlale bodutu le bohutsana: me go na le boitumèlò, le go thethebala ga pelo mo tireloñ ea Modimo. MoKeresete ga a leselediwa hèla go tsamaea mo ditseleñ tse di akabatsañ, ga a tlogèlwa ka maikwatlhaò hèla, le ditsietsègò. Leha re sa bònè maitumèlò a botshelò yono, re ka itumèla ka go lebèlèla botshelò yo bo kwa pele.DDI 145.2

    Me le mono BaKeresete ba ka itumèla, ka go na le bokopanò le Keresete; ba ka na le lesedi ya loratò loa gagwè, le kgomocò ea metlha eothle ea go nna naè. Kgatò ñwe le ñwe mo botsheloñ e ka re atametsa kwa go Yesu, e ka re tlwaetsanya le loratò loa gagwè, e ba e re atametsa ka kgatò le kgatò kwa legaeñ ye lentlèntlè ya kagishò, me ha e le hoñ, a re se latlheñ boikanyò yoa rona, me re nnè tlhomamoñ, ka go nitamèla rure, bogolo go galè. “Yehofa o nntse a re thusa, nakò e sa le eno.”Samuele 7: 12. Me o tla nna a re thusa hèla le go ea boheloñ. A re lebeñ dihikancwe tse di emeñ metloutlò, gore di re gakololè se Yehofa o se re diresteñ, go re gomotsa, le go re gololas mo seatleñ sa mosenyi. A re nneñ re shahatsè mo kgakologèloñ ea rona mabelonomi a manana a Modimo oa rona o a re bontshitseñ yaka o phimotse dikeledi le matlhoko a o a siditseñ, le ditlhodiègò tse o di tlositseñ; le dipoihò tse o di kaolotseñ; le dilò tse re di tlhokileñ me re di neilwe; le matshegò a re a abecweñ, me yalo re ithatahaletse dilò cotlhe tse re tla kgatlhanañ nacò mo loetoñ loa rona lo lo sa nntseñ lo le ha pele.DDI 145.3

    Le galè ditharanò le mathata re tla nna re di wèla mo tlhabanoñ e e tlañ kwa pele; me re ka shèba kwa go tse di hetileñ, hèla yaka re ka leba tse di kwa pele, me re ka re, “Yehofa o nntse a re thusa, nakò e sa le eno.” Hèla yaka malatsi a gago a nntse, thata ea gago e tla nna hèla yalo.” Deutero 33: 25. Tekò ga e ketla e nna kgolo go heta thata e re tla e nèwañ, gore re e ichokèlè. Me hoo, a re chwareñ tirò ea rona hèla ha re e hitlhèlañ gòna, ka go dumèla, go re, leha go ka tla eñ hèla, nonohò e e lekanetseñ tekò re tla e nèwa.DDI 146.1

    Me kgantele meyakò ea legodimo e tla bulwa, gore bana ba Modimo ba tsènè, me molomo oa Kgosi ea Kgalalèlò o tla ba tshegohatsa ka mahoko a a chwanañ yaka pin a ea kòma; me o tla re, “Tlaañ, lona batshegohadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhòlègò ea lehatshe.” Mat. 25: 34.DDI 146.2

    Hoñ barekolodwi ba tla gorogèla ka Pula, mo legaeñ ye Yesu o le ba baakanyetsañ. Gòna bañwe ka bònè e tla bo e se ba ba boshula ba lehatshe, ba maaka, leha e le badihedi ba medimo ea diseto, le baitshekologi, le ba ba ganneñ go dumèla; me ba tla tsalana le ba ba hentseñ Satane, me ka tshegohacò ea Modimo, me ba setse ba bopegile ka popègò e e itekanetseñ. Dithatò cotlhe tsa boleo, le sebata señwe le señwe se se ba bogisitseñ mono se tlosicwe ka madi a ga Keresete; me kgalalèlò ea gagwè e e phatsimañ, e e gaisañ kgalalèlò ea lehatsi e tlabo e beilwe mo go bònè. Me bontlè yoa botshelò yoa ga Keresete, le boitekanèlò yoa gagwè bo tla galalèla ka bònè, ka mo go gaisetsañ kwa kgakala kgalalèlò en mono lehatshiñ. Ba tla ema ba sena molato opè ha pele ga sennò se segolo se seshweu sa bogosi, ba abalana le baengela borèna le ditshimèlò tsa bònè.DDI 146.3

    Me yana ka go lebelecwe boshwa yo bo molemò o o kalo yo bo ka ruiwañ ke motho, ana, o tla ntsha eñ a ananya botshelò yoa gagwè ka shòna? Goñwe e ka nna mohumanègi, leha go nntse yalo o na le mo go ènè khumò, le tlotlò, e le dilò tse lehatshe le sa kakeñ ya di aba.DDI 147.1

    Motho eo o rekolocweñ, me a ntlahadicwe mo boleuñ, me dinonohò tsa gagwè cotlhe hèla di chwaecwe tirèlò ea Modimo, o tlhwatlhwa e e heañ bogolo bogolo; me go boitumèlò mo legodimoñ, ha pele ga Modimo, le ha pele ga baengele ba ba boitshèpò kaga mòea o moñwe hèla o o rekolocweñ; me ke boitumèlò yo bo bolelwañ ka meduduecò le dikòma tsa phenyò tsa bosakhutleñ.DDI 147.2

    Bana ba Modimo ke eñ mo lehatshiñ?DDI 147.3

    Yesu o romèla eñ mo lehatshiñ ka rona?DDI 147.4

    Yesu o bua yañ le dipelo?DDI 147.5

    BaKeresete ba chwanetse ba nna eñ?DDI 147.6

    Ba chwanetse go phatshima yañ?DDI 147.7

    Re ka dira gore tirèlò ea ga Keresete e banola yañ?DDI 147.8

    Satane o itumèlò mo go eñ?DDI 147.9

    O tlatsa mogopolo ka eñ?DDI 148.1

    Satane o senka gore a dirè eñ ka botshelò yoa tumèlò?DDI 148.2

    Ba bantsi ba gopola ka ga eñ?DDI 148.3

    Tlwaèlò ea gago e ntse ele eñ?DDI 148.4

    Dicholoheco tsa Modimo di ntse yaka eñ?DDI 148.5

    Ditshetlhò di dira eñ mo go rona?DDI 148.6

    Mòea o o nodiegileñ o tletse eñ?DDI 148.7

    Re chwanetse ra lebogelañ Modimo?DDI 148.8

    Ha re belaela Modimo, re hutsahatsa mañ?DDI 148.9

    Mmabana o ka utlwala yañ ha ba belaela loratò loa gagwè?DDI 148.10

    Lehoko leñwè le leñwe ya jelaèlò le laletsa eñ?DDI 148.11

    Baengele ba reeditse go utlwa eñ?DDI 148.12

    Ke eñ se re chwanetse ra tlotla ka shòne?DDI 148.13

    Botlhe ba na le eñ?DDI 148.14

    Re chwanetse ra latèla taolo ehe?DDI 148.15

    Meòea ele mentsi e gatelecwe ke eñ?DDI 148.16

    Re chwanetse ra dira eñ?DDI 148.17

    Go bolèlwa eñ kaga Yesu?DDI 148.18

    O na a lere eñ go ba bañwe?DDI 148.19

    Tumèlò ea ga Yesu e naea eñ?DDI 148.20

    Keresete o na a tla go dira eñ?DDI 148.21

    Re chwanetse ra chwara yañ ba bañwe?DDI 148.22

    Dafida a reñ?DDI 148.23

    Letsatsi leñwe le leñwe le lere eñ go rona?DDI 148.24

    Ba bañwe ba tshaba eñ?DDI 148.25

    Bònè ba gopola kaga eñ?DDI 148.26

    A go na le señwe se se ka re kgoreletsañ gore re se ka ra ikanya Yesu?DDI 148.27

    Re chwanetse ra latlhèla kae mekgweleo ea rona?DDI 148.28

    U chwanetse oa rapèlèla eñ?DDI 148.29

    U chwanetse oa dira eñ?DDI 148.30

    A u tla kopana le diteko?DDI 148.31

    Thapèlò ea ga Keresete ènè ele eñ?DDI 148.32

    Keresete o na a rutañ mo thabeñ?DDI 148.33

    Ke mañ o otlañ dinonyane?DDI 148.34

    Di bòna yañ diyò tsa còna?DDI 148.35

    A ga u gaise nonyane segolo setonna?DDI 148.36

    Morèna o ka rata gore u ne yañ?DDI 148.37

    Boitumèlò bo bonwa kae?DDI 148.38

    BaKeresete botlhe ba ka nna le boitumèlò bohe?DDI 149.1

    Re chwanetse ra gakologèlwa eñ?DDI 149.2

    Ke eñ se se tla neèlwañ teko ñwe le ñwe?DDI 149.3

    Ke eñ se se tla bulelañ go tsenya batho ba Modimo?DDI 149.4

    Ke bo mañ ba tla bonañ kamogèlò?DDI 149.5

    Ke eñ se tla boñ se ile?DDI 149.6

    Motho o tla ananya mòea oa gagwè go bòna eñ?DDI 149.7

    MoKeresete o newa eñ?DDI 149.8

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents