Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    8. GO GOLELA MO GO KERESETE

    Phetogò ea pelo e re dihègañ bana ba Modimo ka eòna, e bidiwa “Go tsalwa” mo Biebeleñ. Gapè e chwanetshiwa ka go mela ga peo e e molemò, e e yadilweñ ke molemi mo tshimoñ. Hèla yalo ba ba setseñ e le gona ba shokonogèlañ mo go Keresete, ke masea a masha a a chwanetseñ go golèla mo go Keresete Yesu, go ea go nna banna le basadi mo go ènè. Goñwe, yaka peo e e molemò e e yadilweñ mo tshimoñ ba chwanetse go golèla pele kwa tekanyoñ, me ba uñwe louñò. Isaia a re, Ba tla bidiwa ditlhare tsa tshiamò tse di tlhomilweñ ke Morena gore ènè a galalediwè. Bala 1 Petere 2: 2. le Baefesia 4: 15. Isa. 61: 3. Yalo dilò tse di bònwañ ka matlhò di re chwanetshetsa dilò tsa semòea tse e leñ maamarure a a sa bonweñ ka matlhò.DDI 79.1

    Botlhale yotlhe yoa motho le bocwiriri yoa gagwè, bo retelecwe ke go bopa señwenyana me a tsenya botshelò mo go shòna. Go le ditshedi, go le ditlhare, botshelò yo bo mo go còna cotlhe bo cwa mo Modimoñ o le osi hèla. Hèla yalo le botshelò yoa semòea yo bo tsalèlwañ mo dipeduñ tsa batho, bo cwa mo Modimoñ. Ha motho a sa tsalwa ka mo go cwañ kwa godimoñ ga a kake a abèlwa botshelò yo Keresete o tsileñ go bo abèla batho.DDI 79.2

    Me hèla yaka botshelò bo nntse bo gola, le gòna go nntse yalo. Ke Modimo o o thuntshañ dikukuna le serokolò mo setlhariñ, sethunya le shòna se uñwe ka Ona. Ke ka thata ea Ona ha peo e tlhaba mo mbuñ me e nne mogwañ pele, hoo go nne seakò, me moragò mabèlè a a tletseñ mo seakoñ.” Mareko 4: 28. Moperofeti Hosea a bua kaga Iseraela, a re, “O tla thunya yaka thunyò ea leshòma.” “Ba tla rulwa yaka mabèlè, ba thunya yaka mofine.” Yesu a re, “Elañ dithunya tsa mashòma tlhòkò, kaha di golañ ka gòna.” Luke 12: 27. Ditlhare le dicheshe ga di gole ka boitlhokomèlò yoa còna, leha e le ka go leka ga còna, me di amogèla mo Modimoñ dilò tse di otlan botshelò yoa còna. Nwanyana ga a kake u ikoketsa bolele yoa mmele oa gagwè ka go itlhodièga, leha e le ka go iteka ga gagwè. Leha e le wèna, ga u kake ua inaea go golèla pele mo botsheloñ yoa semòea ka go tlhodièga leha e le ka go tlalèlwa mo go lekeñ. Go le setlhare, go le Ñwanyana ba gola ka go hema mòea oa loapi, le ka phatsimo ea letsatsi, le ka diyò, le metse e le dilò tse o ha gare ga còna. Yaka dilò tseuò di nntse di thusa, di babalèla botshelò mo nameñ ea ditshedi le mo ditlhariñ; Keresete o nntse hèla yalo mo go ba ba ikanyañ mo go ènè. Ke ènè Lesedi ya bònê ye le sa timeñ ka bosakhutleñ, le Letsatsi le Thèbè.” “O tla nna yaka monyò mo go Iseraela.” O tla na yaka pula mo boyañeñ yo bo segilweñ ke èna, “Metse a a tshedileñ” le “Senkgwè sa Modimo se se hologañ kwa legodimoñ, me se naea lehatshe botshelò.”DDI 79.3

    Modimo ka o ntshitse Morwa Ona, o ntshitse mphò e e senañ epè e e ka chwanetshiwañ naeò, me o akareditse lehatshe yeotlke ka matlasedi a tshegohacò, hèla yaka matlasedi a a monate a a akarareditseñ gotlhe hèla mo lehatshiñ. Botlhe ba ba eletsañ go sehumola mòea o, o o rudisañ ba tla tshela ba tla golèla kwa boemoñ yoa banna le basadi mo go Keresete Yesu.DDI 80.1

    Yaka dicheshe di tle di retologèla kwa letsatsiñ gore matlasadi a yeòna a di neè popègò e e ntlè, le mebala e mentle, yalo le rona re chwanetse go retelogèla kwa Letsatsiñ ya Tshiamò, gore lesedi ya Legodimo le re phatsimèlè, le gore chwanò ea ga Keresete e bopègèlê pele mo go rona.DDI 80.2

    Yesu le ènè o re ruta yalo ka a re, Nnañ mo go nna, le nna mo go lona. Yaka kala e sa kake ea uñwa ka eosi, ha e sa nne mo mofineñ; go nntse yalo le lona, ha lo sa nne mo go nna. Ke nna mofine, lona lo dikala: eo o nnañ mo go nna, le nna mo go èna, ke èna eo o uñwañ segolo: gonne kwa ntlè ga me ga lo kake loa diha sepè. Yohane 15: 4-5.DDI 81.1

    Hèla yaka kala ea setlhare e otlwa ke thetò le mecwe, gore e nnè tala, e be e uñwe, le wèna u otlwa ke Keresete gore u tshelè botshelò yo bo boitshèpò. Kwa ntlè ga gagwè ga u na botshelò bopè; le gòna ga u na thata ea go phela mo thaeloñ, leha e le go gola mo tshegohacoñ le mo boitshepoñ. Ha u nntse mo go ènè, u tla kgaba u tlhògònòlòhala. Ha botshelò yoa gago bo cwa mo go ènè, ga u ketla u shwaba, leha e le go tlhòka louñò. U tla nna yaka setlhare se se tlhomilweñ ha dinokeñ tsa metse.DDI 81.2

    Batho ba le bantsi ba itlhoma ba chwanetse go dira tirò e ka ntlha ñwe. Ba ikanetse Keresete go bòne boichwarèlò mo go èna; me yanoñ ba batla go tshela ka tshiamò ka thata ea bònè hèla. Me tekò eotlhe e nntseñ yalo e na le go tlhaèla hèla. Yesu, a re, ‘‘Kwa ntlè ga me ga lo kake loa dira sepè.” Go gola ga rona mo tshegohacoñ, le boitumèlò yoa rona, le go dira ga rona, gotlhe hèla go eme mo go ñapareleñ ga rona mo go Keresete. Re gola mo tshegohacoñ ka go kòpana le Ena, ka malatsi aotlhe, le dinakò cotlhe hèla, le ka go nna mo ènè. Enè ga se Mosimolodi oa tumèlò ea rona go le gosi, ke ènè Mowetsi oa eòna le gòna. Keresete ke ènè oa ntlha le oa bohelò, le oa ka metlha eotlhe. O chwanetse go re pata eseñ kwa tshimologoñ le kwa bowecoñ hèla, me le mo dikgatoñ clothe tsa tsela ea rona. Dafide a re, “Ke nntse ke tlhomile Yehofa ha pele ga me ka galè: ereka a le kaha cogoñ ya me ye legolo, ga nketla ke tshèkinyèga.” Pesalema 16: 8.DDI 81.3

    A ua botsa go re, “Nka nna yañ mo go Keresete?” Ke hèla yaka u mo chotse mo tshimologoñ. “Ke gòna, yaka lo amogetse Keresete Yesu Morèna, lo tsamaeè mo go ènè hèla yalo.” Bakolosa 2: 6. “Me mosiami o tla tshela ka tumèlò.” Bahebera 10: 38. U nu ua inèla mo Modimoñ, go nna oa Ona gotlhe hèla, go O dirèla, le go O utlwa, me ua tsaea Keresete go nna Mmoloki oa gago. Wèna ka wesi u nu u palecwe ke go dirèla dibe tsa gago thuanyò, le ke go hetola pelo ea gago ua palelwa; me ereka u inetse mo Modimoñ u dumetse ha Ona o gu diretse gotlhe mo ka ntlha ea ga Keresete. Ua nna oa ga Keresete ka tumèlò, e bile ka tumèlò u chwanetse go golèla mo go ènè, ka go mo inaea le ka go mo amogèla. U chwanetse go ntsha gotlhe, pelo ea gago, le go rata ga gago, le tirèlò ea gago, go inèla mo go ènè go dira cotlhe tse o di lòpañ, e bile u chwanetse go tsaea gotlhe hèla, eboñ Keresete, eo botlalò yoa matshegò aotlhe bo mo go ènè, go nna mo peduñ ea gago, le go nna thata ea gago, le tshiamò ea gago. A e nnè ènè Mothusi oa gago go ea bosakhutleñ, gore a gu thatahaletse kutlwò, go utlwa ènè.DDI 82.1

    Ipeè mo Modimoñ ha u coga mo moshoñ; e nnè eòna tirò ea ntlha ea gago ea letsatsi. A Thapèlò ea gago e nnè yana, “Morèna, ntsaea, gore ke nnè oa gago gotlhe hèla. Ke baea maikutlwò a me aotlhe hèla ha dinaoñ tsa gago. Gompiyeno a ke nnè mo tireloñ ea gago; u dirè ka nna; Nna ha go nna, me a tirò eotlhe ea me e dirwè mo go wèna.” Go mo ke mo go chwanetseñ malatsi aotlhe. E re ka moshò u ipeè mo Modimoñ go nna oa Ona ka letsatsi yeuò, yalo hèla ka meshò meshò. Maikaèlèlò aotlhe a gago u a beè ha pele ga Ona, gore a dirahalè goñwè a sa dirahalè kaha Ona o tla laolañ ka gòna. Yalo ka letsatsi leñwe le leñwe u ka baea botshelò yoa gago mo diatleñ tsa Modimo; me ka go dira yalo botshelò yoa gago bo tla nna bo bopèga kaka botsheloñ yoa ga Keresete.DDI 82.2

    Botshelò mo go Keresete ke botshelò yoa boiketlò. Leha go ka tlhokahala maipelò a a tutumañ, go chwanetse go nna boikanyò yo bo nnetseñ rure, yo bo agisañ, cholohèlò ea gago ga e mo go wèna, e mo go Keresete. Bokòa yoa gago bo kopancwe le thata ea gagwè; botlhòkakicò yoa gago bo kopancwe le kicò ea gagwè; le nonohologò ea gago le nonohò ea gagwè e e nntseñ rure. Me yalo ga u 11a go iteba, le pelo ga e na go ikgopola; me u chwanetse go leba kwa go Keresete. A pelo e tlhatlhanyè loratò loa gagwè, le bontlè, le boitekanèlò yoa sebopègò sa gagwè. Leba Keresete mo go itatoleñ ga gagwè, le mo boiñotloñ yoa gagwè. Leba Keresete mo bontleñ le mo boitshepoñ le mo loratoñ loa gagwè lo lo gaisañ loratò lotlhe lo sele; dilò tse ke còna tse pelo e ka di tlhatlhanyañ. U tla hetolèlwa mo chwanoñ ea gagwè ka go mo rata, le ka go mo etsa le ka go ikanya mo go èna gotlhe hèla.DDI 83.1

    Yesu a re, “Nnañ mo go nna.” Lehoko le bua boikhucò, le tlhòmamò, le boikanyò. Gapè, oa bitsa, a re Tlañ mo go nna, me ke tla lo naea boikhucò. Mahoko a Pesalema le aòna a bolèla mogopolò ouò, a re, “Itapolose mo go Yehofa, u mo lebèlèlè ka pelotelele.” Isaia le èné a re, “Mo tuulaloñ le mo go ikanyeñ e tla nna thata ea lona.” Pesalema 37: 7. le Isaia 30: 15. Boikhucò ga bo ke bo bònwa mo go duleñ hèla; ka gonne picò ea Mmoloki e tlhakantse pilecò mo boikhucoñ le pilecò mo tiroñ, ka a re, Ipeeñ yokwe oa me, .... me lo tla bòna boikhucò. Pelo e e nntseñ bogolo mo go Keresete e tla nna eòna e e tla nnañ tlhaga bogolo bogolo mo tireloñ ea gagwè.DDI 83.2

    Ea re ha pelo e tlhòla e ikgopotse kèla, ke go re e hularetse Keresete, eo o leñ Mocwedi oa thata le oa botshelò. Yalo Satane o tlhòahaletse ka galè go haposa tebò ea pelo mo go Keresete, le go senya bokopanò, le puanò ea mòea oa motho le Mmoloki. Gonwe e ka nna ka dikgatlhègò tsa lehatshe, goñwe ka ditlhodiègò, leha e le ka dikabakanyò le mahutsana a botshelò, goñwe e ka nna ka melato ea ba bañwe, leha e le ka melato le diphosho tsa gago, o tla a haposetse megopolo kwa diloñ tse di nntseñ yalo. U se ka ua timediwa ke ditoga maanò tsa gagwè. Go na le batho ba le bantsi ba ba siameñ rure, me ba eletsa go tshelèla Modimo, me Satane o tla a lebise megopolò ea bònè kwa diloñ tseuò, eboñ melato le makòa a bònè, me ha a ka ba kgaoganya le Keresete, o sholohetse go bòna phenyò mo go bònè. Ga rea chwanèla go dira borona pinagare ea botshelò yoa rona, leha e le go boiha, le go tlalèlwa ke go re, a re tla bolokwa? Dilò cotlhe tse, di haposa mòea oa motho mo mocwediñ oa thata ea rona. Neèla Modimo mòea oa gago go bolokwa, me u ikanyè mo go Ona. Bua kaga Yesu, u bo u gopolè ènè. A bowèna bo latlhègèlè mo go èna. Lèlèka pelaèlò; a dipoihò tsa gago di tsamaisiwè. Bua yaka Moapostoloi Paulo u re,”DDI 84.1

    Ke bapocwe le Keresete; leha go nntse yalo ke tshedile; me leha go nntse yalo e be e sa tlhole e le nna, me ke Keresete o tshedile mo go nna: me botshelò yo ke bo tshedileñ yanoñ mo nameñ, ke bo tshelèla mo tumeloñ, eboñ tumèlò e e mo go Morwa Modimo, eo o nthatileñ, a ba a intshetsa nna. Bagalatia 2: 20. Lapologèla mo Modimoñ. O nonohile go boloka se u so tsentseñ mo Seatleñi sa Ona. Ha u iteseletsa mo diatleñ tsa Ona, o tla gu dilia go nna mohenyi eo mogolo ka ènè eo o gu ratileñ.DDI 84.2

    E rile Keresete a tsaea popègò ea motho, a ipòhèlèla botho mo go ènè ka thapò ea loratò e e sa kakeñ ea kgaolwa ke thata epè, ha e se ke motho ka esi a rata go e kgaola. Satane o tla leka go re hepisa ka metlha eotlhe gore re kgaolè thapò, ke go re, re itshenkèlè go kgaogana le Keresete. Ke gòna ha re chwanetseñ go disa, le go ganèla, le go rapèla, gore go se ka ga nna le sepè se se ka re hepisañ go senka o sele go nna muñ oa rona; ka le galè re na le kgololesègò ea go dira yalo ha re rata. Me a re tlhabeletsè matlhò a rona mo go Keresete, me o tla re boloka. Ea re ha re lebile kwa go Yesu re bo re bolokegile, Ga go na sepè se se ka re phamolañ mo seatleñ sa gagwè. Ha re leba ènè ka metlha eotlhe, rea hetoga, re hetogèla mo chwanoñ ea gagwè.DDI 85.1

    Me rona rotlhe, ka dihatlhògò tse di sirologileñ ka re tsabakèla ka kgalalèlò ea Morèna, yaka seipone, rea hetoga, re nna yaka shòna sechwanò seuò sa kgalalèlò e e isañ kgalaleloñ, e le mo go cwañ mo Moreneñ eo e leñ èna Mòea. 2 Bakor, 3:18.DDI 85.2

    Barutwa ba pele ba ne ba bopèga mo chwanoñ ea Mmoloki oa bònè oa Morategi ka go dira yalo. E rile barutwa bauò, ba nè ba utlwa mahoko a ga Yesu, me ba ipòna ha ba mo tlhòka thata. Ba ne ba mmatla, ba mmòna, me ba mo sale moragò. Ba nna naè mo tluñ, le kwa lomatiñ loa boyèlò, mo ntlwaneñ e e kwa teñ, le mo nageñ. Ba nna naè yaka barutwa ba tla ba nne mo morutiñ oa bònè, ba amogèla dithutò tse di boitshèpò mo molomuñ oa gagwè ka malatsi aotlhe. Ba ne ba lebèlèla mo go ènè, yaka batlhanka mo go beñ ba bònè, go ithuta dichwanèlò tsa bònè mo go ènè. Barutwa bauò e ne e le “Batho ba ba maikutlo a a chwanañ le a rona”. Yakoba 5: 17. Ntwa e ba ne ba le mo go eòna, ea go tlhabana le boleo, e ne e le ñwe hèla, le ea rona ba ne ba tlhòka tshegohacò e le ñwe hèla le ea rona, go tshela botshelò yo bo itshepileñ.DDI 85.3

    Le e leñ ènè Yohane, oa Morutwa eo o ratègañ eo o na a na le chwanò ea Mmoloki bogolo, ga a ka a tlholèga ga a ka a nna bontlè youò yoa sebopègò galè. Pele ea bo e le motho eo o ratañ go ikgodisa a rata tlotlò, a le phoumèlò, a rata go iposholosetsa ha moñwe a mo utlwisitse botlhoko. Me hèla yaka a 11a a senolèlwa maitseò a Morwa Modimo, a ipòna go tlhaèla ga gagwè, me kicò e, ea mo isa tlhatse ea mo ñotlahatsa. A leba nonohò le bopelotelele, le thata, le bopeloenamagadi, le borèna le boikokobecò, e le dilò tse o di bònañ mo go Morwa Modimo ka metlha eothle; me mòea oa gagwè oa tlala kgatlhègò le lorato. Pelo ea gagwè ea gògègèla kwa go Keresete ga tla ga tsamaee boènè, yoa nyèlèlèla mo go rateñ Morèna oa gagwè. Sebopègò sa gagwè sa kgalehò sa galè sa inèla go bopiwa sesha ka thata ea ga Keresete. Thata ea Mòea o o Boitshèpò e e shahatsañ ea rudisa pelo ea gagwè. Thata ea loratò loa ga Keresete ea dira phetolò ea Sebopègò sa pelo ea gagwè. Ke shòna rure se se cwañ mo bokopanoñ le Yesu. Ea re ha Keresete a nna mo peduñ sebopègò shotlhe sea hetoga. Mòea oa ga Keresete le loratò loa gagwè di nòlòhatse pelo, di henye mòea, me di choleletse megopolò le dikelecò kwa Modimoñ le kwa legodimoñ.DDI 86.1

    E rile Keresete a tlhatlogèla kwa legodimoñ, balatedi ba gagwè ba bo ba ikutlwa ha pònalò ea gagwè e sa nntse a na le bònè. E ne e le pònalò ea botho, e tletse loratò le lesedi. Yesu Mmoloki ènè eo o nntseñ a sepela nabò, a bua nabò a rapèla nabo, eo o buileñ cholohèlò le kgomocò mo dipeduñ tsa bònè, o rile a sa nntse a ba neela taecò ea kagishò, a tlosiwa mo go bònè, me a tlhatlosediwa kwa le godimoñ; me modumo oa lencwe ya gagwè oa boela kwa go bònè, yaka a cholwa ke leru ya baengela, a re “Bònañ ke tla bo ke nntse ke na le Iona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha”. Mat. 28: 20. O tlhatlogetse legodimoñ a le mo sebopegoñ sa motho. Ba itse ha a le ha pele ga sennò sa Modimo sa bogosi, e sa nntse e le Tsala ea bònè, le Mmoloki oa bònè, le go re, go utlwèlana nabo botlhoko ga gagwè go no go sa hetoge; le go re, o sa nntse a kopana le batho mo go utlweñ botlhoko ga bònè. Ea re a le mo makgotleñ a kgalalèlò, diatla tsa gagwè tse di tlhabilweñ le lotlhakore loa gagwè lo lo tlhabilweñ ka lerumò, le dinaò tsa gagwè ka dimapò, dikweneshò tse di rapèlèla losika lo lo senyegileñ, me di shupa loratò lo o ratileñ barekolodwi ba gagwè ka lòna. Ba ne ba itse ha a tlhatlogetse kwa legodimoñ go ba baakanyetsa mannò, le go re, o tla tla gapè go ba icholèla kwa go ènè.DDI 86.2

    Me yaka ba phuthèga, a sena go tlhatloga ba nna bohehò go isa maitopèlo a bònè kwa go Rara, ka leina ya ga Yesu; me ka tshisimogò e kgolo ba ikobèla mo thapeloñ ba nntse ba bolèla ditlhòmamishò tse tsa Morèna oa bònè.DDI 87.1

    Me mo letsatsiñ yeuò ga lo ketla lo mpotsa sepè. Amarure, amarure, kea lo raea, Ha lo lòpa Rara señwe, o tla se lo naea ka leina ya me. Ga lo e se lo ko lo lope sepè ka leina ya me le gompiyeno: lopan, me lo tla amogèla, gore boitumèlò yoa lona bo dihalè. Yohane 16: 23, 24.DDI 87.2

    Ba ne ba chotetsa lecògò ya tumèlò kwa godimo ka dipolèlò tse di nonohileñ tse. Mañ eo o tla sekisañ? Keresete Yesu ke èna eo o na a shwa, E, bogolo ke èna eo o cosicweñ mo loshuñ, eo o kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo, eo o bileñ a re rapèlèla. Barom. 8: 34.DDI 87.3

    Letsatsi ya Pentekoste ya tlisa Mogomotsi mo go bònè, eo Keresete o boletseñ kaga gagwè, a re, “O tla nna mo go lona”. Yohanel4:17. Gapè a re, Leha go nntse yalo ke lo bolèlèla boamarure; Go ka nna molemò kaga lona, ha ke tsamaea: gonne ha ke sa tsamaee, Mogomotsi ga a ketla a tla mo go lona; me ha ke tsamaea, ke tla mo roma mo go lona. Yohane 16: 7.DDI 88.1

    Go tloga hoñ Keresete o na a tla nna mo dipeduñ tsa bana ba gagwè ka galè ka galè ka Mòea oa gagwè. Bokopanò yoa bònè le èna yoa ba kitlanya bogolo go gale a sa nntse a le mo go bònè sebele. Lesedi le loratò, le thatar dilò tse, ha Keresete a nntse mo go banè, tsa tlhagèga mo go bònè, batho ba ba ba gakgamala; “Me ba ba lemoga ha ba kile ba ne ba nna le Yesu”. Ditiro 4: 13.DDI 88.2

    Gotlhe hèla yaka Keresete a na a nntse mo barutweñ ba gagwè ba ntlha, o rata gore go nnè hèla yalo mo baneñ ba gagwè gompiyeno; ka gonne ea re mo thapeloñ ea gagwè ea bohelò, lekokonyana ya barutwa ba gagwè a na nayeò, a re, “Le gòna ga ke rapelele ba, ba le bosi, me ke rapèlèla le bònè ba ba dumèlañ mo go nna ka lehoko ya bònè”. Yohane 17: 20.DDI 88.3

    Yesu a rapèlèla rona, me a lòpa gore re nnè banwe hèla le ènè, yaka èna a nntse moñwe hèla le Rara. Mmoloki o na a buile, a ithaea, a re, “Morwa ga a kake a dira sepè ka esi”. Yohane 5: 19. “Rara eo a agileñ mo go nna o dira ditirò tsa gagwè.” Yohane 14: 10.DDI 88.4

    Ke gòna, Ea re ha Keresete a agile mo dipeduñ tsa rona, o tla dira mo go rona go rata le go dira, e le go re, o dira go kgatlhèga ga Ona. Bafilipi 2: 13. Re tla dira yaka le ènè a na a dira; re tla shupa mòea o le moñwe hèla le oa gagwè. Me yalo, ka go mo rata, le ka go nna mo go èna “re tla golòla mo go èna mo diloñ cotlhe, ènè eo e leñ tlhògò, eboñ Keresete”.DDI 88.5

    Phetolo pa pelo e bidiwañ?DDI 89.1

    Bann le ditlhare le dicheshe di lebelecwe gore di dire eñ?DDI 89.2

    A motho o ka naea botshelò?DDI 89.3

    Ke mañ hèla o naeañ ditlhare botshelò?DDI 89.4

    Ke mañ o naeañ motho botshelò yoa bomòea?DDI 89.5

    Bana le ditlhatsana ba gola yañ?DDI 89.6

    Keresete ke eñ go ba ba mo ikanyañ?DDI 89.7

    A Yesu o na a ruta se?DDI 89.8

    A re ka ikgodisa?DDI 89.9

    Re nna yañ mo go Keresete?DDI 89.10

    Re chwanetse ra naea eñ?DDI 89.11

    Re chwanetse ra tsaea eñ?DDI 89.12

    Re chwanetse ra dira eñ mesho eotlhe?DDI 89.13

    Re chwanetse go dira eñ ka mano a rona?DDI 89.14

    Re chwanetse ra gopola kaga eñ?DDI 89.15

    Ha re nna mo go Keresete re na le eñ?DDI 89.16

    Satane o batla go tlatsa megopolo ea rona ka eñ?DDI 89.17

    Re chwanetse ra bua kaga eñ?DDI 89.18

    Ke kgolè e e ntseñ yañ e e re golègèlañ go Keresete?DDI 89.19

    Re gololesegile go tlhaola eñ?DDI 89.20

    A Yohane o na a chwane le Keresete ka tlholègo?DDI 89.21

    Ona a chwana yañ le Keresete?DDI 89.22

    Keresete o na a ea kae ha a tlogèla Barutwa ba gagwè?DDI 89.23

    O na a ea go dira eñ?DDI 89.24

    Pentekosta ea na ea lere eñ go Barutwa?DDI 89.25

    Keresete ènè ele eñ go Barutwa ba ntlha?DDI 89.26

    O na a rapèla gore a nne eñ go rona?DDI 89.27

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents