Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    4. BOIPOLELO

    “Eo bipañ ditlolò tsa gagwè, ga a ketla tlhògònòlòhàla; me eo o di ipolèlañ me a di tlogèla, o tla bòna boutlwèlò botlhoko. ” Diane 28: 13.DDI 40.1

    Se se lopiwañ mo mothuñ gore a bònè boutlwèlò botlhoko mo Modimoñ ga se thata, e bile se siame, sea utlwala. Morèna ga a lope gore re dirè señwe se se utlwisañ botlhoko, gore re bònè boichwarèlò yoa dibe tsa rona. Ga go lopiwe gore re ineè letsapa ya go ètèla kgakala, leha e le go ipolaisa tirò e e tsemelèlañ go siamisa Meòea ea rona ha pele ga Modimo; leha e le go lehèla tlolò tsa rona: me eo o ipolèlañ, a ba a tlogèla boleo yoa gagwè, èna o tla bòna boutlwèlò botlhoko.DDI 40.2

    Moapostoloi a re, “Ipolelèlanañ melato ea lona, gore lo tlè lo hodisiwè.” Yakobo 5: 16. Ipolèlèleñ Modimo dibe tsa lona; me melato lo e ipolèlèlanè. E re ha u kgopisitse tsala ea gago, goñwe moñ ka wèna, u chwanetse go ipolèla molato oa gago; me ènè o chwanetse go gu ichwarèla. Me hoo, u chwanetse go gatla boichwarèlò mo Modimoñ, ka gonne mokauleñwe eo u mo ntshitseñ nthò ke selò sa Modimo; ke ka go re u mo utlwisitse botlhoko u bile u leohetse Mmopi oa gagwè le Morekolodi oa gagwè. Me mahoko a, a isiwa ha pele ga Motseriganyi eo o esi oa mmannete, Moperesiti eo mogolo oa rona, “Eo o na a raèlwa mo diloñ cotlhe yaka rona, leha go nntse yalo a sena boleo; eo o bileñ a utlwana le rona makòa a rona,” me o nonohile go re tlhapisa a tlosa leshwè yeotlhe ya boleo. Bahebera 5: 15.DDI 40.3

    Ba ba sa kokobetsañ dipelo tsa bònè ha pele ga Modimo ka go ipolèla boleo yoa bòne, ga ba e se ba dire chwanèlò ea ntlha ea go amogèlwa. Ha re sa ka ra ikutlwa boikwatlhaò yo bo sa ikwatlhaèlweñ; me ha re se ka ra ipolèla dibe tsa rona rure ka boikokobecò yoa pelo le ka mòea o o phatlhogileñ, le ka go ila mekgwa ea rona e e mashwè, ga re e se re be re batlèle rure boichwarèlò yoa dibe mo Modimoñ; me ha e le go re, ga re e se re batle kagishò ea Modimo, yalo ga re e se re be re e bònè. Mokgwa o re sa boneñ boichwarèlò yoa dibe tse di hetileñ ka òna, ke ka go bo re sa rate go isa dipelo tsa rona kwa tlhatse; re gana go dira yaka Lehoko ya Boamarure le bolèla. Tlhaloshò e e utlwalañ sentlè e bolecwe kaga selò se. Boipolèlò yoa dibe, goñwe ha pele ga batho, kgotsa mo sephiriñ e chwanetse go cwa mo peduñ tòta, e ba bolèlwa gotlhe hèla. Ga ea chwanèla go dirwa ka tlhòkòmològò, leha e le ka go balabala hèla, yaka ekete motho o patikwa go bolèla, me a sa lemoga mokgwa o o ilègañ oa boleo. Boipolèlò yo e leñ yoa pelo e e thèlègèlañ ha pele ga Modimo, ke eòne e e eañ go hitlha mo kutlweloñ botlhoko yo bo sa kakeñ yoa bolèlwa yoa Ona. Mo Pesaleñ goa twe, “Yehofa o gauhi le ba ba dipelo di phatlhogileñ; o boloka ba ba mòea o o ñomogileñ.” Pesalema 34: 18.DDI 41.1

    Boipobolò yoa nnete ke yo bo utlwalañ sentlè, me bo ipolèla sebe señwe le señwe. Motlha moñwe e ka nna se se chwanetseñ go bèwa ha pele ga Modimo o le osi hèla; motlha moñwe e ka nna se re chwanetseñ go se ipolèlèla motho eo re mo utlwisitseñ botlhoko ka shòna; goñwe e ka nna se se chwanetseñ go ipolèlwa ha pele ga batho, me maipolèlò aotlhe a chwanetse go tòta boleo yo leñ yo re bo dirileñ, go shupa yòna.DDI 41.2

    E rile mo metlheñ ea ga Samuele, Baiseraela ba timèla, ba tlogela Modimo, me ba bo ba ya maduò a boleo yoa bònè ka ba latlhègèlwa ke tumèlò ea bònê mo Modimoñ; me ba bo ba sa lemoge thata ea òna, le botlhale yoa Ona yoa go busa morahe, me ba sa tlhole ba o ikanya, go re, o ka ba sirèletsa, leha e le go èmèla tirò ea òna. Ba hularèla Molaodi eo Mogolo oa lobopò; me ba eletsa go busiwa yaka dichaba tse ba neñ ba le ha gare ga còna. Me yana, ba senka kagishò, me ea re ba e se ba e bone, ba ipolèla ka go re, “Re okeditse dibe eotlhe tsa rona ka boshula yo, yoa go lòpa kgosi, gore re e nèwè.” 1 Samuele 12: 19. Shòna sebe se ba se lopileñ, ba ne ba chwanetse go se ipolèla. Botlhòka tebogò yoa bònè bo patikile meòea ea bònè, me yoa ba kgaoganya le Modimo.DDI 42.1

    * * * * *

    Leha go nntse yalo, boipolèlò hèla, ha bo sa patagane le boikwatlhao yoa mannete, le tlhabologò, ga bo ketla bo lebosèga mo Modimoñ. Mokgwa oa botshelò o chwanetse go hetogèla rure; dilò cotlhe tse di ilègañ mo Modimoñ di chwanetse go latlhwa. Me ha khutsahalèlò boleo e le eòna rure, go tla nna hèla yalo. Tirò e re chwanetseñ go e dira re e bolelecwe ka thanolò, ga twe, “Tlhapañ, lo intlahatsè; tlosañ boshula yoa ditirò tsa ona ha pele matlhò a me; bakèlañ go dira boshula; ithuteñ go dira sentlè; batlañ katlholò; siamisetsañ bapatikwa; atlholèlañ masiela; sekèlañ mosadi eo motlhòlagadi.” Isaia 1: 16, 17. “Ha moikepi a rebola peèlò, a bosa se o na a se tsere ka bogodu, a sepela mo ditaoñ tsa botshelò a sa dire boikèpò bopè; rure, o tla tshela, ga a ketla a shwa.” Esekiele 33: 15. Moapostoloi a re, Gonne bònañ sèlò seuò ka shosi, ke raea yaka lo hutsahadicwe kaha mokgweñ o o chwanetseñ poihòmodimo, ga cosa ikèlòtlhòkò e le kgolo yañ mo go lona, E, le go itlosa molato, E, le chakgalò, E, le poihò, E, le tlhologèlèlò, E, le tlhòahalò, E, le go ipusholosa! Lo ichupile gotlhe ha lo itshekile kaga selò se. — 2 Bakor. 7: 11DDI 42.2

    Ea re ha boleo bo bolaile maikutlwò a a siameñ a pelo, modiha boleo oa ba a sa ipone ditlhaèlò tsa maitsèò a gagwè, a sa lemoge bogolo yoa bushula yo o bo dirileñ: me ha a sa inele mo go kaelweñ ke Mòea o o Boitshèpò, o setse a houhetse hèla, a sa bone boleo yoa gagwè. Maipolèlò a gagwè e be e se a mannete, a sa cwe mo tlhòahaloñ kaga diphoshò tsa gagwè. Ea re ha a ipolèla molato, o tla a oketse ka seipatò se o ratañ go ikgolola ka shòna, a re, Ha e ka bo e se sennanne le sennanne o ka bo a se ka a dira, se o omancweñ kaga shòna.DDI 43.1

    E rile Adame le Efe ba sena go ya setlhare se ba se iledicweñ, ba tloga ba tlala ditlhoñ le poihò. Ea re pele mogopolò oa bònè ea bo e le go senka seipatò sa boleo yoa bònè, gore ba bònè go ha lola mo tshekishoñ, gore ba se shwe. E rile Yehofa a ba botsa kaga boleo yoa bònè. Adame a araba, a baea molato ka ntlha nwe mo mosadiñ, le ka ntlha e ñwe mo Modimoñ. A re, “Mosadi eo u mo nneileñ gore ke nnè naè, ke ènè eo o nneileñ setlhare, me ka se ya.” Mosadi ènè a baea molato mo go eòna nòga, a re, “Nòga e mphorile me ka ya.” Gen. 3: 12, 13. Ekete a re, Wèna Modimo u nu u direlañ nòga? Ua e leseletsa ka ntlha eañ go tsèna mo Edena? Mòea oa boitshiamisho o sa le o cwa mo go Rra maaka, me oa tsèna mo go bomorwa le bomorwadia Adame botlhe hèla. Maipolèlò a a nntseñ yalo, ga se a motho o a gakololwañ ke Mòea oa Modimo, me ga a ketla a lebosèga ha pele ga Modimo.DDI 43.2

    Dikaò tsa boikwatlhao yo e leñ yòna rure, tse di mo Lehokuñ ya Modimo, di senola boikwatlhaò yo bo sa senkeñ go ipata gopè, leha e le go leka go itshiamisa. Boikwatlhao yoa nnete ke motho go rwala molato oa gagwè ka esi, le go bo ipolèla ka go tlhòka bohere,—here le boitimokaneyò. Hèla yaka mokgethisi, o tla ntsha selelò sa go re, “Modimo, nkutlwèla botlhoko, ke le moleohi,” me laha e le go choleletsa matlho legodimoñ a sa go dire. Me ba ba ipolèlañ Molato oa bònè yalo, ba tla siamisiwa; ka gonne Yesu o tla rapèlèla mòea o o ikwatlhaeañ yalo, ka go umaka madi a gagwè, a o a cholotseñ gore boleo yoa batho bo tlosiwè.DDI 44.1

    Paulo ga a ka a senka go itòba. O bolèla boleo yoa gagwè ka go shupa bonehoncho yoa yòna, a sa leke go bo ñotlhatsa. A re, “Ka cwalèla baitshepi ba le bantsi mo kgolegoñ, ka ke ne ke amogetse taolò mo ditlhogoñ tsa baperisite, me e ne e re ba bolawa, ka dumalana nagò. Me ka ba betsa gantsiutsi mo senagogeñ señwe le señwe, ka ba patika gore ba tlhapatsè; me ka ke ne ke itirile setsenwa kaga bònè, ka ba bogisetsa le kwa metsiñ e sele. Ditirò 26: 10, 11. A bolèla ka thanolò, a re, ‘‘Keresete Yesu o tsile mo lehatshiñ go boloka baleohi ba ke leñ tlhògò mo go bònè.”DDI 44.2

    Pelo e e kokobetseñ e e phatlhogileñ, e hencwe ke boikwatlhao yoa mannete, e tla lemoga señwe sa loratò loa Modimo, le tlhwatlhwa e e ntshicweñ kwa Kalafare: me yaka Ñwana a tla a ipolèlèle rragwè eo o rategañ, moikwatlhai oa mannete o tla baea dibe tsa gagwè cotlhe hèla ha pele ga Modimo, me go kwadilwe lehoko ye, ga twe, “Ha re ipolòla dibe tsa rona, Ena o boikañò, o tshiamò, o tla ie ichwarèla dibe tsa rona, me o tla re ntlahatsa mo tshiamololoñ eotlhe hela.” 1 Yohane 1: 9.DDI 44.3

    Bibela ea reñ kaga motho eo o lekañ go bipa dibe tsa gagwè a sa di tlogele?DDI 45.1

    A go thata go amogèla choarò ea Modimo?DDI 45.2

    A Morena o re batla gore re dirè señwe se se tlhokohatsañ pele ga a ka re ichwarela?DDI 45.3

    O dira dilò dihe tse di boheho tse di batlegañ?DDI 45.4

    Ke eñ hèla se Modimo o re bolèlèlañ gore re se ipolèlé mo mothuñ?DDI 45.5

    Ke mañ hèla eo re chwanetseñ ra ipoléla dibe tsa rona mo go ènè? 1 Yohane 1: 9.DDI 45.6

    Morago ga re sena go ipolèla phòshò e re e dirileñ go eo moñwe, kego reñ re chwanetse ra batla maichwarelò a Modimo?DDI 45.7

    Ha re ipolèla dibe tsa rona go Modimo ke mañ eo o buèlèlañ kgetse ea rona ha pele ga Rara?DDI 45.8

    Popègo ea ntlha ea kamogèlo ke ehe?DDI 45.9

    Re itse yañ ha re batlile Modimo ka boamarure re batla boichwarelò?DDI 45.10

    Re ka bona yañ hèla kagisho ea Modimo?DDI 45.11

    Re chwanetse ra dumalana le eñ gore Modimo o re utlwè?DDI 45.12

    A ke leanò ya Modimo gore motho opè a patelediwe go ipolèla dibe tsa gagwè?DDI 45.13

    Maipolèlo a motho a chwanetse a nna yañ? Lefit. 5: 5.DDI 45.14

    A go na le dibe diñwe tse go chwanetseñ ga utlwa Modimo hèla re di ipolèla?DDI 45.15

    Ke go reñ Baiseraela ba na ba timèlèlwa ke Modimo?DDI 45.16

    Ha ba batla kgosi go ba laola a bana ba gannè Modimo yaka molaodi oa bònè?DDI 45.17

    Pele ga ba bona kagisho ba na ba chwanèlwa ke gore ba dirè maipolèlo a ntseñ yañ?DDI 45.18

    Maipolèlo a ka amogèlwa yañ hèla ke Modimo?DDI 45.19

    A Modimo o re rutile sentlè gore re dirè eñ ha re tlhabolola matshelò a rona?DDI 45.20

    A go ikwatlhaea ga bomodimo ga sebe go ka tlhabolola motho?DDI 45.21

    Ke mañ o re gogèlañ gore re ipolèlè dibe tsa rona go Modimo?DDI 45.22

    Ha re sa itatole dibe tsa rona me re na le seipato sa go di dira a selò seoò ke maikwatlhaò a ‘nete?DDI 45.23

    Ha Adame le Efa ba sena go leoha ka go ya setlhare se ba na ba sa chwanèla go se ya selò sa ntlha se ba na ba gopola go se dira ha Modimo o botsa ke eñ?DDI 46.1

    Ba na ba simolola yañ go ipata?DDI 46.2

    A go nna le seipato ha u leohile go na le kamogèlo go Modimo?DDI 46.3

    A re ka tsietsa Modimo kaga mo re leohileñ ka gona?DDI 46.4

    A Modimo oa itse he re ikwatlhaea ga ‘nete re rata go tlogèla dibe tsa rona?DDI 46.5

    Ke mañ hèla eo o ka re thusañ go di latlha?DDI 46.6

    Re na le bomañ yaka dichupò mo Bibileñ ba ba re shupetsañ boikwatlhaò yoa boamarure?DDI 46.7

    Ke mañ hèla eo o ka itseñ loratò loa Modimo le tlhwatlhwa ea thekololò ea rona?DDI 46.8

    Ha re ipolèla dibe tsa rona o re sholoheditse go re dirèlañ?DDI 46.9

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents