Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    3. BOIKWATLHAO

    Ana, motho o ka nna tshiamò ha pele ga Modimo yañ? Moleohi o ka dihwa tshiamò yañ? Ke ka Keresete a hèla motho o ka kopañwa le Modimo. Re ka bòna bokopanò le Modimo, le boitshèpò ka Keresete a le esi, me re ka ea kwa go Keresete yañ? Batho ba le bantsi ba botsa gompiyeno yaka bontsintsi bo boditse ka letsatse ya pentekoste, ka erile ba ipòna boleo, ba goa, ba re, “Re tla dihañ? Me Petere a ba hetola ka lehoko ye, a re, “Ikwatlhaeeñ.” Me gape ka letsatse ye leñwe, a re, “Ikwatlhaeañ lo tlhabologè, gore dibe tsa lona di phimolwè.” Ditirò 2: 38. le 3: 19.DDI 21.1

    Go ikwatlhaea ke go hutsahala ka ntlha ea boleo, le go bo bakèla ka go cwa mo go yòna. Ga re kake ra latlha boleo ha re sa lemoge boshula yoa yòna; ha re sa bo latlhe mo peduñ ga go ketla go nna phetogò epè ea nnete mo botsheloñ yoa rona.DDI 21.2

    Go na le batho ba le bantsi ba ba sa tlhaloganyeñ bonnete yoa boikwatlhaò, go re, ke eñ? Ba le bantsi ba utlwa botlhoko ka ba leohile, ba bile ba etsa vaka ekete ba bakile, ka ba boiha, go re melato ea bònè e tla tlisa thupa mo go bònè. Me mo, ga se boikwatlhaò yo go buiwañ kaga yòna mo Bibeleñ. Ba lela ka ba tshaba thupa, ba sa tshabe boleo tòta. E rile Esauè a bòna ha a latlhegecwe ke botsalwa pele yoa gagwè a hutsahala ka bohutsana yo bo nntseñ yalo. Balaame le èna, o rile a bòna moengele a mo eme pele, a mo kganetse ka chaka mo tseleñ a nyèra marapò, a ipopèla molatò, ka a tshaba go bolawa; me boikwatlhao yo e leñ yòna sebele, bo ne bo seeò, a sa tlhabo loge mo maikutloñ, a sa herosiwe sebete ke boshula. Yudase Iskariota, o rile a sena go òka Morèna oa gagwè, a goa a re, “ke leohile, ka ke okile motho eo o senañ molato. ” Mat. 27: 4.DDI 21.3

    Boipolèlò yo, yoa shomolwa mo go èna ka a le mo itshekishoñ e e boitshègañ, me a bile a lebeletse katlholò e e chwanetseñ go mo tlèla. Me dilò tse di tla tlañ mo go ènè tse o di lebeletseñ tsa tlatsa pelo ea gagwè ka therègò; me go ne go sena bohutsana mo teñ ga pelo ea gagwè yoa go lelèla tirò e oe dirileñ ka go òka Morwa Modimo eo o senañ molato, me a itatotse Moitshepi oa Iseraela, E rile Faroè a pitlagancwe ke ditshekishò tsa Modimo, a ipolèla boleo yoa gagwè, gore a halolè mo dipecoñ tse di mo tlèlañ kwa pele; me ea re hèla dipecò di sena go khutla, a boèla kwa boemoñ yoa galè yoa go ganèla le Modimo le go gana go dira kaha taoloñ ea Ona. Bauò botlhe ba lelèla dipecò tse di cwañ mo boleuñ me ba se ka ba hutsahalèla boleo yòna ka yosi ha e se dithupa hèla tse di ba betsañ.DDI 22.1

    Me ea re ha pelo ea motho e inèla go laolwa ke Mòea oa Modimo, segakolodi se se mo teñ se tla tlhagahala, me moleohi o tla lemoga señwe sa bogolo le sa boteñ yoa molaò o o boitshèpò oa Modimo; eboñ molaò o e leñ mothèò oa mmushò oa Ona kwa legodimoñ, le mo lehatshiñ. “Go lesedi ye le sedihatsañ motho moñwe le moñwe eo o tlañ mo lehatshiñ.” (Yohane 1: 9.) me le bonesa diphiri tsa pelo, me dilò tse di hitlhilweñ tsa lehihi di bònadiwe, me motho a ipòne molato rure. Moleohi a bònè ha Yehofa a le tshiamò, me a tshabe go bònala ha pele ga Mokeleki oa dipelo, a le mo molatuñ, le mo leshweñ ye e leñ ya gagwè.O bòna loratò loa Modimo, le bontlè yoa boitshèpò, le boitumelòñ yoa boitshèkò; me a eletse go tlhapisiwa, le go rebolèlwa kwa bokopanoñ le Legodimo.DDI 22.2

    Thapèlò e Dafide o e rapetseñ morago ga go wèla ga gagwè mo sebiñ e shupa kaha khutshalèlò boleo ea nnete e nntseñ ka gòna. Boikwatlhaò yoa gagwè e ne e le yo bo phepha, yo bo kwa teñ. Ga a ka a leka go ñotla molato oa gagwè; yaka a rapetse yana, ga a rapele gore a halolè mo pecoñ e o lebaganyeñ maeò. Dafide a bòna bogolo yo bo heteletseñ yoa tlolò ea gagwè; a leba go leshwèha la ga mòea oa gagwè, me a tlhoa boleo yoa gagwè. Ga a ka a rapèlèla boichwarèlò bo le yosi, a lòpa le boitshèkò yoa pelo. A eletsa go bòna boitumèlò yoa boitshèpò, le go ba a nèwa botsalanò, le bokopanò le Modimo. Mòea oa gagwè o no oa bua yana, oa re: —DDI 23.1

    Go segò èna eo tlolò ea gagwè e ichwarechweñ,
    eo boleo yoa gagwè bo bipilweñ.
    Go segò motho eo Yehofa o sa mmaleleñ boikèpò,
    le eo tsieco e seeoñ mo moeeñ oa gagwè. Pesalema 32: 1, 2.
    DDI 23.2

    Nkutlwela botlhoko Modimo,
    kaha bopelonomiñ yoa gago yoa loratò;
    kaha bontsiñ yoa mautlwèlò botlhoko a gago,
    u phimolè ditloliò tsa me.
    Ntlhapisetsa rure mo boikepoñ yoa me,
    u nntlahatsè mo boleuñ yoa me.
    Gonne ke ipolèla ditlolò tsa me:
    le boleo yoa me bo ntutse pele ka galè.
    Ke wèna, wena wesi eo ke gu leohetseñ,
    ka diha se se boshula mo ponoñ ea gago:
    gore u tlo u bònwè u le tshiamò mogañ u buañ,
    u bo u nnè phèpa mogañ u atlholañ.
    Bòna, ke ne ka bopègèla mo boikepoñ;
    me mmè o na a inthwalèla mo boleuñ.
    Bòna, u eletsa boamarure mo diteñeñ;
    le mo bokaeñ yo bo hitlhegileñ u tla nkitsise botlhale.
    Ntshèkisa ka mosiama, me ke tla itshèka:
    ntlhapisa, me ke tla nna moshweu bogolo go kapòkò.
    DDI 23.3

    Nkutlwisa boitumèlò le boipelò;
    gore marapò a ua robileñ a tlè a itumèlè.
    Shubèla dibe tsa me sehatlhògò sa gago;
    u bo u phimolè maikèpò a me aotlhe hèla.
    Modimo, bopa pelo e e itshekileñ mo go nna;
    u bo u shahatsè mòea o o siameñ mo teñ ga me.
    U se ka ua ntatlha ua ntlosa ha pele ga gago;
    le mòea oa gago o o boitshèpò
    u se o tlose mo go nna.
    Ntliebolèla boitumèlò yoa poloka ea gago;
    me u ntshegetsè ka mòea o o phuthonogileñ.
    Hoñ ke tla ruta batlodi ditsela tsa gago;
    le baleohi ba tla shokologèla kwa go wèna.
    Nkgolola mo molatuñ oa go cholola madi,
    Modimo, wèna Modimo oa polokò ea me;
    me loleme loa me lo tla òpèlèla
    godimo kaga tshiamò ea gago. Pesalema 51: 1-14.
    DDI 24.1

    Boikwatlhò yo bo nntseñ yana, bo tla re retelèla go bo chwara ka thata e e leñ ea rona: bo boñwa lièla mo go Keresete, eo o tlhatlogetseñ kwa legodimoñ eo o abelañ batho dinèò tse di nntseñ yalo.DDI 24.2

    Golò ha go na le goñwe ha batho ba le bantsi ba timèlan gòna; me ke ka gòna ba tlhaèlañ go amogèla thushò e Keresete o ratañ go e ba naea. Ba gopola go re ba sa kake ba tla kwa go Keresete ha ba sa ikwatlhae pele, le go re boikwatlhaò bo tlo bo siamise tsela ea boichwarèlò yoa dibe e bo tlañ kwa go bònè ka eòna.DDI 24.3

    Le galè go nntse yalo, boikwatlhaò bo ètèlèla boichwarèlò pele; ka gonne ke pelo e e phatlogileñ, e e nyerileñ e eosi hèla e e tla ikutlwañ go re e tlhoka Mmoloki. Me a ke go re, moleohi ha a sa ikwatlhae pele ga a kake a tla kwa go Yesu ? A ke go re, boikwatlhaò bo dirwa kgorelecò e e emeñ ha gare ga moleohi le Mmoloki?DDI 24.4

    Aitse Bibele ga e rute gore moleohi o chwanetse go ikwatlhaea a e se a tlhokomele picò ea ga Keresete e e reñ. “Tlañ kwano go nna botlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa”. Mat. 11: 28. Ke bonatla yo bo cwañ mo go Keresete, yo bo gògèlañ motho kwa boikwatlhaoñ yoa nnete. E rile Petere a bua le Bayuda, a ba ranolèla selo se sentle yaka a re, “èna eo, Modimo o mo goleditse ka lecògò ya Ona ye legolo, gore a nnè Kgòsana le Mmoloki, gore a neè Iseraela boikwatlhaò, le biichwarèlò yoa dibe”. Ditiro 5: 31. Ga re kake ra ikwatlhaea kwa ntlè ga thushò ea Mòea oa ga Keresete ea go cosa mogopolò mo peduñ hèla yaka re sa kake ra ichwarèlwa kwa ntlè ga Keresete.DDI 24.5

    Keresete ke ènè mocwedi oa mogopolò moñwe le moñwe o o re isañ kwa tshiamoñ. Ke ènè esi eo o ka tlhòmañ kilò e e ilañ boleo mo peduñ. Keleco ñwe le ñwe e e elatsañ boamarure le boitslièkò, le boipònò boleo yoa rona boñwe le boñwè ke chupò ea go re, Mòea oa gagwè o tshikinya dipelo tsa rona.DDI 25.1

    Yesu, o buile, a re, “Nna, ha ke tlhatlosiwa mo lehatshiñ ke tla gogèla batho botlhe kwa go nna”. Yohane 12: 32. Keresete o chwanetse go senolèlwa moleohi ha e le Mmoloki eo o shuetseñ maleo a lehatshe; me ea re ha re lelm Morwa Modimo a le mo mokgoron kwa Kalefare, boteñ yoa thekololò ea baleohi bo simolole go phuthonogèla megopolò ea rona; me molemò oa tirò ea Modimo o re gogèle kwa boikwatlhaoñ. Ea re mo go shweleñ badiha dibe, Keresete a bònatsa loratò lo lo sitañ tlhaloganyò; me hela ha modihadibe a leba loratò lo, lo mo nyerise pelo, lo ikgatisa mo peduñ ea gagwè, lo tlhotleletse khutsahalelo ea boleò mo mòeñ oa gagwè.DDI 25.2

    Le gale motlha moñwe batho ba tlhabèlwe mekgwa ea bònè e mebe ke ditlhoñ, me dilò diñwe tse di boshula ba di latlhe, ba e se ba itemoge ha ba nntse ba gògègèla kwa go Keresete. Me e ne e re ha ba itèka gore ba hetogè, ka pelo e e eletsañ rure go tla mo tshiamoñ, e be e le thata ea ga Keresete e e ba gògañ.DDI 25.3

    Thata ñwe e ba sa e lemogeñ e dira mo peduñ ea bònè, ka sega kolodi se tlhagahetse me botshelò yo bo bònalañ mo go bònè kaha ntlè. bo nne molemò bogolo go galè. Me ha Keresete a ba gògèla pele, me a ba lebisa mokgòrò oa gagwè, ba bòne ènè eo dibe tsa bònè di mo tlhabileñ. Me hoo ba senogèlwè boshula yoa botshelo yoa bònè, le boleo yo bo kwa teñ teñ ga dipelo tsa bònè. Yanoñ ba simolole go tlhaloganya señwe sa tshiamò ea ga Keresete, me ba goe, ba re. “Boleo bo nntse yan, ha e bo ne go lopiwa thebolò e e kalo, gore go rekololwè mochwarwa eo boleo bo mo chwereñ! A go no go lopiwa loratò lo lo kalo, le kutlwo botlhoko e e kalo, le boiñòtlò yo bo kalo, gore re se ka ra nyelèla, me re bònè botshelo yo bo sa khutleñ”?DDI 26.1

    Modiha dibe le galè o ka ganèla le loratò lo, me o ka gana go gogèlwa kwa go Keresete; me ha a sa ganele o tla gogèhva hèla kwa go Yesu. Kicò ea go tlhaloganya kaha polokò e bònwañ ka teñ e tla mo gogèla kwa mokgoroñ me a ikwathaèla dibe tsa gagwè, tse di tlhokohaditseñ Ñwana eo o ratègañ oa Modimo.DDI 26.2

    Kgopolò ea Semodimo e e dirañ mo diloñ tsa lobopò, ke eòna e e buañ le dipelo tsa batho me e tlhagisa keleco e e sa kakeñ ea bolèlwa mo go còna, e e eletsañ señwe se ba senañ nashò. Dilò tsa selehatshe di retelèlwa go thethebatsa dipelo tsa bòne; me ke Mòea oa Modimo o ba rapèla, gore ba batlè tse e leñ còna cosi tse di ka ba naeañ kagishò le boikhucò,—eboñ tshegohacò ea ga Keresete, le boitumèlò yoa boitshèpò. Ka ditirò tse di bònwañ le tse di sa bonweñ Mmoloki o nntse a leka ka galè ka galè go haposa megopolò ea batho mo dikgatlhegoñ tsa boleo tse di sa thethebatseñ; o bile o leka go ba isa matshegoñ a magolo a ba ka a bònañ mo go ènè. Meòea e, eotlhe hèla ea batho, e e senkañ go nwa mo dinkgwaneñ tse di thubegileñ tsa lehatshe, e dibiwa ka picò e, ea Selegodimo, e e reñ, “Eo o nyorilweñ a a tlè. Me leha e le mañ eo o ratañ, a a tseè metsi a botshelò, a a tseè hèla. Tshenolo 22: 17.DDI 26.3

    Wèna, eo u eletsañ mo peduñ ea gago gore u bònè señwe se se gaisañ, se u ka se nèwañ ke lehatshe yeno, ua bòna ha kelecò euò, e le lencwe ya Modimo mo peduñ ea gago. Lòpa Ona, gore o gu neè boikwatlhaò, le gore o gu senolèlè Keresete mo loratoñ lo lo senañ bolekanyecò, le mo boitshepoñ yoa Ona yo bo itekanetseñ. Motlhala oa molaò oa Modimo o shupèga seutlè mo botsheloñ yoa Mmoloki, eboñ loratò lo ratileñ Modimo, le batho ka lòna. Thushò le loratò lo lo sa ikgopoleñ e ne e le botshèlò yoa mòea oa gagwè. Ha re mo le ba, me ha lesedi ya Mmoloki oa rona le re sedihatsa, e be e le gòna re bònañ leshwè ya boleo ye le mo peduñ tsa rona.DDI 27.1

    Motlha moñwe re kile ra iphaka, yaka Nikodimo, a dira, me ra ithaea, ra re, botshèlò yoa rona bo thòkgamè, le maitsèò a rona a mo teñ a siame, ra ba ra gopola, go re, ga re na molato o re chwanetseñ go ikokobetsa ha pele ga Modimo kaga òna, yaka ba ba itsegeñ ha e le boleohi; me e re ha lesedi ye le cwañ mo go Keresete le phatsimèla mo meòeñ ea rona, re ipòna bomashwè yo re mo go yòna; me re tla bòna ha re ne re tshikiñwa ke boithatò hèla; re tla ipona ha re le bobaba le Modimo, le go re dilò tse, di sentse botshèlò yoa rona mo diloñ cotlhe tsa yòna. Hoo re tla itse ha ditshiamo tsa rona di nntse yaka makgasana a a mashwè; me re tla itse ha e le madi a ga Keresete a le osi a a ka tlosañ bomashwè yoa boleo mo go rona, me a shahatse dipelo tsa rona, gore di nne mo chwanoñ ea ga Yesu.DDI 27.2

    Phatsimò e le ñwe hèla ea kgalalèlò ea Modimo, tebèlò e le ñwe hèla e e lebañ bophepha yoa ga Keresete, ha e phololèla pelo, e tle e bònatse leshwè ye le matameñ mòea oa motho, le bokgòpò le bogòlè yo bo mo go ènè. E bònatse dikelecò tse di itshekologileñ, le botlhòka tumèlo yoa pelo, le itskekologò ea molomò. Modiha dibe o ipòna ha a tlotlolotse Modimo ka go dibolola molaò oa Ona; me pelo ea gagwè e utlwe botlhoko ka mòea oa Modimo o elame mo go eòna. Ea re a leba bontlè yoa ga Keresete le boitshèpò yoa gagwè, a tlhoe boleo mo gogolo thata.DDI 28.1

    E rile Moperofete Danièle a bòna kgalalèlò e e apesitseñ moroñwa eo o romilweñ kwa go èna a cwa legodimoñ, a khurumediwa ke maikutlwo a bokòa le go tlhaèla ga gagwè. Me a re a bolèla segakgamacò se o se bonyeñ, a re, “Go se ka ga sala thata epè mo go nna, ke le Danièle”; ka gonne bontlè yoa me yoa hetoga sebodu, me ga kea ka ka sala le nonohò epè”. Danièle 10: 8. Pelo e e amilweñ yalo e tla ila boithatò yoa eòna, le boikgopolò hèla; me e tla senka, ka tsliiamò ea ga Keresete, gore e bònè boitshekò yoa pelo yo bo dumalanyeñ le molaò oa Modimo le botshelo yoa ga Keresete.DDI 28.2

    Moapostoloi Paulo a re, “Ha e le kaga tshiamò e e leñ ea molaò hèla ke go re kaga ditirò hèla tsa bokwantlè,—o na a sena molato; me e rile a lemoga boteñ yoa molaò ha e le yoa Semòea, a itemoga ha e le moleohi. Ha e ne e le kaga ditlhaka tsa malaò hèla, yaka ba tle ba kaee, ga a ka a leoha ; me o rile a okomèla mo teñ ga òna, me a bòna ditaeò tsa òna, me a ipòna yaka Modimo O mmòna, a òba tlhògò ka boikokobeco, me a ipolèla molato oa gagwè, A re, “Galè, ke ne ke tshedile kwa ntlè ga melaò; me e rile taolò e tla, boleo yoa rulwa, me nna ka shwa”. Baroma 7: 9. Ea re a bòna molaò ha e le selò se se amañ mòea, boleo yoa ipontsa bomashwè yoa yòna, me go itlotla ga gagwè ga nyèlèla.DDI 28.3

    Modimo ga o kaee dibe cotlhe ha di le selekanyò se le señwe hèla, mo matlhoñ a Ona di hapaanye; hèla yaka le mo matlhoñ a batho. Me leha sebe se, leba e le sele, se ka kaiwa se le senye mo matlhoñ a batho, ga go sepè se se ka kaiwañ senye mo ponoñ ea Modimo. Go leba ga motho go tlo go line ka ntlha ñwe hèla, me go tlhaetse: me Modimo o bòna dilò cotlhe hèla yaka di nntse rure. Letagwa lea nyadiwa, me le bolelecwe ha sebe sa gagwè se tla mo itsa go tsèna mo legodimoñ, me bopelompe, le boithatò, le boiphetlhò ke dilò tse ea reñ motlha moñwe ene ekete ga di kgalemelwè. Me laha go nntse yalo dibe tseuò ke tse di boshula bogolo ha pele ga Modimo, ka gonne di tlhabaganye le bopelontlè yoa Ona, di ganèla le loratò lo lo sa pekwañ lo lo bònalañ go ea le lobopò lotlhe hèla, lo lo sa itseñ boleo. Motho eo o chwarwañ ke maleo a a mashwè, a senama, o ka tlhaywa ke ditlhoñ motlha moñwe, a ba a ipòna ha a tlhòka tshegohacò ea ga Keresete; me bopelompe ga bo ipòne botlhòkwa bopè, me bo cwale pelo, bo cwalèle Keresete kwa ntlè, bo gane matshegò a o tsileñ go a abèla batho.DDI 29.1

    Mokgethisi oa mogolo, eo o rapetseñ, a re, “Modimo, nkutlwèla botlhoko nna moleohi”. Luke 18: 13. O na a ikaea motho eo boshula thata; ba bañwe le bònè ba ne ba mo kaea hèla yalo; me ènè a ipòna khumanègò, me a tla ha pele ga Modimo a rwele morwalò oa molato le ditlhoñ, a lòpa kutlwèlò botlhoko mo go Ona. Pelo ea gagwè e ne e atlhametse Mòea oa Modimo, gore o tsènè, o dirè tirò ea òna e e segohatsañ, le gore o mo gololè mo thateñ ea boleo. Thapelò ea Mofarisai, ea boikgogomoshò, le ea boitshiamishò, ea shupa ha Mòea o o Boitshèpò o no o ewalecwe kwa ntlè ga pelo ea gagwè. E rile ka a le kgakala le Modimo, o na a sena maikutlwò ape a go Jeshwèhala ga gagwè tebaganoñ le Boitshèpò yoa Modimo O na a sa ipòne botlhòka sepè; me yalo a retèlèlwa, me a sa amogele sepè.DDI 29.2

    Ea re ha u ipòna boleo yoa gago, n se ka ua diiwa ke go re, u itira molemò, u rata go ipaakanya. Ba bantsi yañ ba ba reñ ga ba na chwanèlò e ba ka tlañ ka eòna kwa go Keresete. A u itlhoma u ka itira molemò ka malekò a gago?” A Moethopia o ka hetola letlalò ya gagwè, leba e le nkwè dichubaba tsa eòna? Ha go nntse yalo, le lona lo ka dira molemò, lona ba lo tlwaetseñ go dira boshula”. Yeremia 13: 23. Thushò ea rona e mo Modimoñ o le osi hèla. Ga rea chwanèla go lebèlèla go kgònwa ke mahoko a a thata a sele, leha e le dipaka tse di lebanyeñ bogolo go tsèna, leha e le maikutlwò a a itshepileñ bogolo. Ga re kake ra dira sepè ka rosi. Re chwanetse go tla kwa go Keresete hèla yaka re nntse, se re leñ shòna hèla, ka borona hèla.DDI 30.1

    Me opè a se ka a itsietsa ka mogopolò oa go re, ere ka Modimo o le loratò lo logolo, le kutlwèlò botlhoko, o tla nama o boloka le ba e leñ bagani ba tshegohacò ea òna. Bokgòpò yo bo heteletseñ yoa boleo bo ka lemogwa mo lesediñ ya mokgòrò hèla. Ea re ha batho ba bua thata, ba re Modimo ga o kake oa latlha modiha dibe ka O le moleinò o mogolo, a ba lebè kwa Kalefare. Go ne go sena kgòrò epè e sele e batho ba ka bolokwañ ka eòna. kwa ntlè ga setlhabelo se, go ne go sena kaha batho ba ka halolañ mo thateñ ea baleo yo bo leshwèhatsañ, me ba nèwa bokopanò gapè le baitshepi; leha e le go nna baabedwi ba botshelo yoa Semòea; me ke ka ntlha ea gòna mo, Keresete a itseèla molato oa ba ba ganneñ go utlwa, me a boga losho mo boemoñ yoa baleohi. Loratò loa Morwa Modimo, le matlhoko a o a bogileñ, le losho loa gagwè, di shupa ha boleo e le selò se se boitshegañ, di ba di bolèla ha go sena phalolò mo thateñ ea yòna, go sena cholohèlò ea go re, re tla chwara botshelò yo bo kwa godimoñ ha e se ka go inèla ga pelo ea motho mo go èna Keresete.DDI 30.2

    Motlha moñwe ba ba sa ikwatlhaeñ ba ipate ka go re, ha ba bòna Bakeresete ba re, ke le mañ mañ ke molemò hèla yaka bònè. Ga ba nkgaise ka gopè, leba e le mo go itatoleñ, leha e le ka go ikgapha, leha e le ka go itlhokomèla mo mekgweñ ea bònè. Ba re, barata bothamò yoa pelo, le go inèla mo dikgatlhegoñ hèla yaka nna. Yalo ba bo ba diha go re, melato ea ba bañwe e nne seipatò sa go tlhokomologa dichwanèlò tsa bònè; ecwa dibe tsa ba bañwe, le diphoshò tsa bòna, ga di golelo opè mo molatuñ oa gagwè; gonne sekaò se Morwa o se beileñ ha pele ga rona, ga se se se timelañ, ga se se se hosañ yaka se se cwañ bathuñ. Morwa Modimo eo o senañ bokgòpò leha e le sebata, ke ènè eo o beilweñ go nna sekaò sa rona. Me ba ba ñoñoregelañ diphoshò tsa ba ba ipitsañ Bakeresete, ke bònè ba ba chwanetseñ go ichupa kgaishò eo bònè ka botshelò yo bo molemo bogolo. E re ha ba lemogile kaha Mokeresete o chwanetseñ go nna ka gòna, boleo yoa bònè a ga boa nna bogolo thata; ka ba itse se e leñ tshiamò, me ba gana go e dira.DDI 31.1

    Tshaban mogopolò oa go re, ka moshò ke tla dira; u se ka ua shutisetsa kwa lobakeñ lo lo kwa pele tirò ea go latlha dibe tsa gago, le go batla boitshèkò yoa pele ka Yesu. Batho ba le bantsintsi ba timetse gòna ha, me ba bòna tatlhègò ea bosaeñ kae. Ga ke bue kaga bokhuchwane yoa botshelò yoa motho, le go tlhòka go itse kaha malatsi a tla nnañ ka gòna; me go na le phatsa e e tshabègañ; e batho ba sa e tlhaloganyeñ sentlè,— mo go diegeñ go inèla, le go reetsa lencwe ya Mòea o o Boitshèpò oa Modimo; le ka go itshenkèla bogolo go aga mo dibeñ ka go bo tiègò e e nntse hèla yalo. Sebe shòna, leha se kaiwa bonnye, ha motho a se itlwaetsa, se mo gògèla kwa tshenyeogoñ. Se re sa se henyeñ se tla re henya, se ba se re isa tshenyegoñ.DDI 31.2

    Adame le Efe ba itsieditse ka go re, go ya louño loa setlhare se ba se iledicweñ, e tla bo e le selònyana hèla se se sa kakeñ sa ba tlisetsa pecò e e boitshegañ, e Modimo o e boletseñ. Ecwa tlolonyana euò e ne e le tlolò ea molaò o o sa hetogeñ, o o boitshèpò oa Modimo; me ea kgaoganya motho le Modimo; ea bula dikgòrò tsa morwalèla oa losho, le oa bohutsana o o phikameñ lehatshe ya rona. Ka metlha go nntse go tlhatloga selelò se se sa khutleñ sa bohutsana; me lobopò lotlhe hèla lo nntse lo hegelwa, lo utlwa botlhoko mmògò, e le ka ntlha ea tlolò ea motho. Legodimo le yeòna le utlwile botlhoko ka motho a cuololèla Modimo, Thota ea Kalafare e eme e le se se gopodisañ setlhabèlò se se lopilweñ go rebola se motho o se latlhisicweñ ke go tlola molaò oa SeModimo. A re se kaeeñ sebe, go re, ke selò se se nyatsegañ.DDI 32.1

    Tlolò ñwe le ñwe, le lonyacò lo lo nyatsañ le kganò e e ganañ tshegohacò ea ga Keresete e boèla godimo ga gago; e thatahatsa pelo, e haposa kelecò, e hihihatsa tlhaloganyò; me ga e gu itshemiletsa go le gosi, e bile e ñotla nonohò ea gago ea pelo, gore u se reetse merapèlò e mentlè e Mòea o o Boitshèpò oa Modimo o gu rapelañ ka eòna.DDI 32.2

    Batho ba le bantsi ba ituulatsa pelo e e tlhodiegileñ ka kgopolò ea go re, ha ba rata, ba ka hetoga ba cwa mo boshuleñ ba re ba katshameka ka dipicò tsa Modimo, ka ba re ba tla nna ba di utlwisiwa gapè le gapè. Ba gopola go re, e tla re ba sena go rumola Mòea oa Tshegohacò, le go èma ntlheñ ea ga Satane, ba ka hetoga mo temaloñ ea bònè ka ponyò ea leitlhò, ha ba chwerwe ke poihò le thèrègò. Me go mo, ga go kake ga dirwa ka boheho yo bo nntseñ yalo. Tlwaèlò e ba e tlwaetseñ le go lemala ga botshelò yoa bònè, go ba bopetse rure, me ba ba setseñ ba ka eletsa go nna mo chwanoñ ea ga Yesu, ke ba se kaeenyana hèla, ba se bantsi.DDI 32.3

    Le e leñ mokgwanyana moñwe, leha e le kelecò e le ñwe ea boleo, ha e ichòkèlwa, kwa pele e tla nonoholola Efangele ea ga Yesu. Boinèlò boñwe le boñwe mo boleuñ, bo thatahatsa go ilana ga motho le Modimo. Motho eo o iponatsañ bothata yoa bohaitene, a ba a itotobatsa mo go tlhokolomologeñ boamarure yoa SeModimo, o roba hèla dilò tse èna ka esi o di yadileñ. Mo Bibeleñ eotlhe ga go na tlhagishò epè e e tshabegañ bogolo go mahoko a monna eo botlhale, eo o rileñ, “moikepi o tla tshegediwa ke megala ea boleo yoa gagwè. ” Diane 5: 22.DDI 33.1

    Keresete o ikeetleditse go re golola mo boleuñ, me ga a pateletse go rata ga rona, me ha re ichokèla boleo go bo dira, me thato e obegetse gotlhe kwa boshuleñ; me re bile re sa eletse go gololwa, re gana go amogèla tshegohacò ea gagwè, ènè o ka dira eñ gapè? Re bo re itshentse ka go ganèla rure loratò loa gagwè, “Bonañ, yanoñ ke motlha o o lebosègañ; yanoñ ke letsatsi ya polokò. ” 2 Bakor, 6: 2, “Gompiyeno, ha lo utlwa lencwe ya Ona se ikgwaraletseñ dipelo tsa lona. ” Bahebera 3: 7, 8.DDI 33.2

    “Motho o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo”. 1 Samuele 16: 7. O leba pelo ea motho, hèla yaka go tlhakanye boitumèlò le bohutsana mo go eòna; e le pelo e e timèlañ; e rata go itaola, e e leñ bonnò yoa boitshèkologò le tsiecò e e kalo kalo. O itse melaò e e laolañ mo go eòna, le maikaèlèlò le dithatò tsa eòna. Wèna, ea hèla kwa go Ona Modimo, ka moea oa gago o o matameñ boleo hèla. Diha yaka mokwadi oa Pesalema a dira, bulèla leitlhò ya Eo o bònañ gotlhe dikgòrò tsa pelo. u re,DDI 33.3

    Modimo, a u ko u mphukutsè, u bo u itse pelo ea me: nteka, me u itse megopolò ea me: Me u bònè ha go na le mokgwa moñwe oa boikèpò mo go nna; me u nkgògè mo tseleñ e e sa khutleñ. Pesalema 139: 23, 24.DDI 34.1

    Batho ba le bantsi ba amogèla tumèlò ea mokgwa hèla, sechwanò sa bodumedi hèla, pelo eòna e sa ntlahadiwa. Thapèlò ea gago monkana, a e nnè e, “Bopa pelo e ntlè mo go nna, Modimo, u bo u shahatsè mòea o o siameñ mo ten ga me”. Ps. 51: 10. Sebedisana rure le pelo ea gago. U tlhòahalè u ichòkè, yaka u nu u tla dira ha botshèlò yoa mmele oa gago bo le mo diphatseñ. Ke kgañ, e e ka atlhogañ ha gare ga Modimo le mòea oa gago, e ba e atlhogèla rure go ea bosakhutleñ. Cholohèlò e e leñ sech- wanchò hèla e sena sepè sa bobedi, e tla gu gogèla tshenyegoñ.DDI 34.2

    Akanya Lehoko ya Modimo, ka thapèlò. Lehoke yeuò le shupa maèmò a boitshèpò kaha a nntseñ ka gòna; e bile a bontshiwa mo molaoñ oa Modimo le mo botsheloñ yoa ga Keresete. “Ha boitshèpò bo seeò motho opè ga a ketla a bòna Modimo”. Bahabera 12: 14. Le kaèla motho boleo yoa gagwè; le bile le totobatsa tsela e e isañ polokoñ. Le tlhokomèlè, yaka e le lencwe ya Modimo ye le buañ le mòea oa gago.DDI 34.3

    Hèla yaka u bòna poitshègò ea boleo; le yaka u ipòna hèla yaka u nntse, u se ka ua itlhoboga. E ne e le baleohi ba Keresete o tsileñ go ba boloka. Ga re na go letlanya Modimo le rona, me—ke loratò lo lo gakgamatsañ!— Modimo o mo go Keresete, o letlanyetsa lehatshe kwa go Ona. Ka loratò loa Ona o imenolèla kwa go òna dipelo tsa bana ba òna ba ba timetseñ. Ga go na rra bana mo bathuñ eo o ka nnañ pelotelele go ichokèla melato le diphoshò tsa bana ba gagwè. yaka Modimo o nntse mo go ba o senkañ go ba boloka. Ga go opè eo o ka rapelañ motlodi ka mahoko a loratò yaka òna. Ga go opè eo o ka gaisañ Ona ka go èmèlèla motimedi ka merapèlo. Dicholoheco cotlhe tsa òna, le ditlhagishò, ke diphegelò tsa loratò loa òna, lo lo sa kakeñ loa bolèlwa.DDI 34.4

    Ea re ha Satane a tla, me a gu bolèlèla ha u le moleohi eo motona, u tlo u lelalèlè Morekolodiñ oa gago, me u buè kaga tse di molemò tsa gagwè. Se se tla gu thusañ ke go leba kwa lesediñ ya gagwè. Ipolèle molato, me u reè mmaba, u re, “Keresete Yesu o tsile mo lehatshin go boloka baleohi.” 1 Timo. 1: 15, le go re wèna u ka bolokwa ka loratò loa gagwè lo lo gakgamatsañ. Yesu o kile a botsa Simone kaga batho ba le babedi ba ba molato. Eo moñwe o na a le molato madi a mabòtlana, eo moñwe madi a le matona thata; me moñ oa molato a ba chwarèla boo babedi. Me Keresete a botsa Simone, a re. Ana eo o tla ratañ Morèna oa bònè bogolo ke man. Me Simone a re, “Ke eo o ichwarecweñ molato o motona Luke 7: 43. Rona re nntse re le baleohi ba bagolo: me Keresete a re shwèla, gore re ichwarèlwè, me re rebolèlwè bokopanò le Modimo. Ke tshiamò ea gagwè e le eosi e e ka re naeañ nonohò ea go nna bana ba Modimo. Ba o ba ichwaretseñ segolo ba tla mo rata segolo, me ba tla èma segauchwane le sennò sa gagwè sa bogosi, go mmakèla loratò loa gagwè lo logolo, le setlhabelò sa gagwè se se gakgamatsañ. Ke hèla ha re tlhaloganya loratò loa Modimo re bo re lemoga bomashwè yoa boleo. Ha re bòna bolele yoa mogala o re o lepeledicweñ; ha re tlhaloganya señwe sa kaha Kereste o itihileñ setlhabèlò ka ntlha ea rona ka gòna, e be e le gòna pelo e tlhapologañ, e nna nana, e nna nòlò, me e inèle mo go Keresete.DDI 35.1

    Motho o ka siama yañ le Modimo?DDI 36.1

    Moleohi o ka siamisiwa yañ?DDI 36.2

    Re chwanetse go tla yañ go Keresete?DDI 36.3

    Boikwatlhaò ke eñ?DDI 36.4

    Go dilò dihe tse pedi tse di tsamaeañ nayò?DDI 36.5

    A tlhabologo e e bonalañ ke chupo ea boikwatlhaò?DDI 36.6

    A go na le pharologanyò gare ga go ikwatlhaela sebe le go ikwatlhaela yoa sebe eleñ go boga ga moleohi?DDI 36.7

    A go ikwatlhaea- gwa ga Esau ènè ele go ikwatlhaea ga bomodimo?DDI 36.8

    Yañ kaga Yudas yaka a òka Morena oa gagwè?DDI 36.9

    Enè ele maipolèlò a mohuta ohe?DDI 36.10

    Re ka ira yañ maipolelo a amañ pelo a dibe tsa rona go Modimo.DDI 36.11

    Ke eñ se se lereñ lesedi mo peduñ go e bontsha boemò yoa eòne yoa boleo.DDI 36.12

    Go tla keleco ehe mo go ènè?DDI 36.13

    Ke morapèlo oa ga mañ o o re shupetsañ boikwatlhao yoa nete?DDI 36.14

    Ke eñ sana sa gogèla Dafida gore a ire maipolèlo a?DDI 36.15

    O na a rapèlèla en gapè koa ntlè ga boichwarelo?DDI 36.16

    Maipolelo auò a ka bonoa kae? Pesal. 51: 1-14. Pesal. 32: 1, 2.DDI 36.17

    A go mo thateñ ea motho go nna le boikwatlhaò yobo ntseñ yalo?DDI 36.18

    A go chwanetse gore re ikwatlhaè pele ga re tla go Keresete?DDI 36.19

    Taleco e Keresete o e naeañ moleohi moñwe le moñwe ke ehe?DDI 36.20

    Tota hèla boikwatlhaò bo cwa kae?DDI 36.21

    A re ka ikwatlhaea pele ga mòea oa Modimo o re bontsha maemo a rona?DDI 36.22

    Ke mañ mocwedi oa megopolo eotlhe e e siameñ?DDI 36.23

    Ke mañ o tsenyañ lethòò ya sebe mo peduñ tsa rona?DDI 36.24

    Keresete ke eñ go moleohi moñwe le moñwe?DDI 36.25

    A re ka tlhaloganya loratò ye Mmoloki o le beileñ mo pepeneneñ mo sehapanoñ ka ntlha ea rona?DDI 36.26

    Ha re na le keleco e e tlhomaneñ go ira phetolo mo matsheloñ a rona re be re gogiwa ke thata ea ga mañ?DDI 36.27

    Ke eñ se re bontshañ poitshègo ea sebe? Ha re inèèla mo morapeloñ oa Mòea o tla re dirèlañ?DDI 36.28

    Kicò ea sehapaanò e tla dirèlañ moleohi?DDI 37.1

    Ke mañ eo o tsenyañ mo peduñ tsa batho gore ba batlè señwe se se gaisañ?DDI 37.2

    Mmoloki o rata go gògèla yañ megopolo ea rona go dilò tsa Logodimo?DDI 37.3

    Taleco ke eñ?DDI 37.4

    Keleco e, ea go nna le señwe se se gaisañ e bidiwañ?DDI 37.5

    Ke eñ se se mo botsheloñ yoa Mmoloki se se re gògèlañ ko go ènè?DDI 37.6

    Nikotemoe o na a ikaketsa yañ kaga maemo a gagwè a nnete?DDI 37.7

    Tshiamò ea rona ka rosi e chwantshicwe le eñ?DDI 37.8

    Koa ntlè ga Keresete re eñ?DDI 37.9

    Ha re tlhatlhoba mekgwa ea rona ka thushò ea Mòea o o Boitshepò re e chwantsha le mokgwa a montlè oa Morwa Modimo re itlhoma re le eñ?DDI 37.10

    Ha re ipòna yaka Modimo o re bòna re tla batlañ kaga Keresete?DDI 37.11

    Go thusañ motho ha a chwara molao otlhe oa Modimo me a palèwa ke go bòna mokgwa oa one oa bomoea?DDI 37.12

    Ha Paulo a leba mo boteñeñ yoa molao o na a ipòna a ntse yañ?DDI 37.13

    Dibe tse di nyenyane di bogolo yo bo kae mo matlhoñ a Modimo?DDI 37.14

    Katlholo ea Modimo ea dibe e na le boamarure yo bo kae?DDI 37.15

    Ke dibe dihe tse di gakatsañ Modimo?DDI 37.16

    Ke go reñ dibe tse dile diphatsa bogolo?DDI 37.17

    Ke eñ se re chwanetseñ ra se ikutlwa pele ga Modimo o ka re thusa?DDI 37.18

    Re chwanetse ra dira eñ pele ga Mòea o o Boitshepò o ka tla mo peduñ tsa rona go di itshekisa? —Ha re bula kgoro o tla tsèna.DDI 37.19

    Go no go na le pharologanyò ehe gare ga morapelo oa mokgethisi le oa mofarasai?DDI 37.20

    Go no go na le pharologanyò ehe mo thushoñ e bana ba e amogela?DDI 37.21

    A re ka itlhabolola ka rosi? Morena o botsa poco ehe go re bapisetsa yaka go retela gore re ka itshekisa mo dibeñ?DDI 37.22

    Re ka iponatsha yañ hèla mo go Keresete?DDI 38.1

    A Modimo o tla thusa ba ba ganañ chwarò ea gagwè?DDI 38.2

    Boleo yoa sebe yo bo golo bo ka atlholoa yañ hèla?DDI 38.3

    Ha Modimo o no o ka boloka baleohi kwantle go losho loa ga Keresete a o no o ka dira yalo?DDI 38.4

    Me a go chwanetse go amogela leano ya Modimo go bolokega?DDI 38.5

    Ke eñ se se shupañ bogolo yoa sebe?DDI 38.6

    Leano ènè ele eñ?DDI 38.7

    Batho ba bañwe ba ira maipato a a nntseñ yañ?DDI 38.8

    A re ka ipata ka dibe tsa batho ba bañwe ha re bilediwa ha pele ga situlo sa katlholo sa Modimo?DDI 38.9

    Ke mañ o tla nnañ sekaèlo sa rona?DDI 38.10

    Tshimego e re e neilweñ ke ehe?DDI 38.11

    Ka go beela ko moragò go ipakanya mo go batlegañ go tla nna yañ le rona?DDI 38.12

    Ha re itlikietsa mo sebeñ go tla nna yañ le rona?DDI 38.13

    Adame le Efa bana ba akanya yañ kaga go ya mauño, me bokhutloñ go no goa nna yañ.DDI 38.14

    Go na ga lòpa legodimo le rona tlhoatlhoa ehe?DDI 38.15

    Ke mañ eo o reñ, “Tsela ke e, tsamaeañ mo go eone? ”— Mòea o o Boitshèpò.DDI 38.16

    Ha re gana go utlwa lencwe yeoò me diloñ tse di nyenye ko bohèloñ go tla nna yañ le rona?DDI 38.17

    A re ka hetola motlhala oa rona o o mashwe ka nako ñwe hèla ha re rata?DDI 38.18

    Ke eñ se se tla kòahatsañ thata ea Lehoko ya Modimo mo matsheloñ a rona ha re tshameka ka shòne?DDI 38.19

    Modimo o re reile oa reñ kaga go tshameka ka sebe?DDI 38.20

    A Modimo o pateletsa moñwe go amogèla poloko?DDI 38.21

    Ke eñ gapè se o ka se dirañ?DDI 38.22

    Ha re latlhegile ke molato oa ga mañ?DDI 38.23

    A Modimo o ka bala megopolo le maikaèlèlò a rona?—Botshelò yoa rona bo yaka lokwalo yele petlekilweñ.DDI 38.24

    Hèla yaka go itse ènè, merapelo ea rona e chwanetse ea nna eñ?DDI 38.25

    A re ka nna le popò ea tumèlo koa ntlè ga phetogò mo peduñ? A motho eo o itsietsañ kaga botshelò yo bo sa khutleñ o ltirela tshiamò?DDI 38.26

    Boemo yoa rona yoa boitekanèlò ke eñ?DDI 39.1

    Ke melao ehe e e bonwañ mo Bibeleñ?DDI 39.2

    Ke lencwe ya ga mañ ye le buañ?DDI 39.3

    A re ka utlwa lencwe ha re sa le bale ra le akanya?DDI 39.4

    Ke eñ se re naeañ tshèphò le bopelokgale ha re bona re le mo maemoñ a mashwe?DDI 39.5

    Ha Satane a re kaea gore re boleohi ba ba golo re chwanetse ra irañ?DDI 39.6

    A motho moñwe o molemò go hetisa eo moñwe ha re gopola gore botlhe ba leohile me ba latlhegecwe ke botshelò yo bo sa khutleñ?—Tlhwatlhwa ea go ba rekolola bo babedi ea lekana. Ke hèla ha re tlhaloganya Setlhabelo se se sa khutleñ ke gone re ka itseñ gore Modimo o rata yañ mòea oa motho.DDI 39.7

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents