Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 5—BOTSHELO JWA BONGWANA JWA GA JESU

    Jesu mo bongwaneng jwa Gagwe O na A tshela mo motsaneng mongwe mo dithabeng. O na A le Morwa Modimo, mme O na A ka ne A nnile mo legaeng lengwe fela je O na A rata go nna mo go jone.KMR 19.1

    O na A ka ne A ntse tlotlo mo bonnong bongwe fela. Mme ga a ka A ya legaeng ja batho ba ba humileng kana matlo a borena a dikgosi. A tlhopha go nna le bahumanegi mo Nasaretha.KMR 19.2

    Jesu O batla bahumanegi go itse gore O tlhaloganya diteko tsa bone. O belege gotlhe mo ba ne ba tšhwanetse go go belega. O ka ba tlhomogela pelo mme A ba thusa.KMR 19.3

    Kaga Jesu mo dingwageng tsa Gagwe tsa ntlha Bibela ya re, “Mme ngwana a gola, a nonofa, a tlala botlhale: le tshegofatšo ya Modimo ya nna mo go Ene.” “Mme Jesu A tšwelela mo botlhaleng le mo go goleng, le mo go ratweng ke Modimo le batho.” Luke 2; 40, 52.KMR 19.4

    Mogopolo wa Gagwe o no o le phepa o le tlhrga. O na A le tlhaloganyo e bofefo, mme A bontsha kakanyo le botlhale go feta dingwaga tsa Gagwe. Mme lefa go ntse jalo ditsela tsa Gagwe di ne di le bonolo mme di tšhwana le tsa bongwana, mme A gola mo mogopolong fela jaaka bana ba bangwe le mmeleng.KMR 19.5

    Mme Jesu O na A sa tšhwane le bana ba bangwe mo dilong tšotlhe. Ka metlha O na A bontsha moya o o monate le o o sa ithateng. Diatla tsa Gagwe tse di etleetsegileng ka metlha di ne di ipaakanyeditse go thusa ba bangwe. O na A le pelotelele mme A le boammaaruri.KMR 19.6

    A tlhomane jaaka lefika mo boammaaruring, ga A ise A ke A tlhaele go nna bonolo le pelonomi mo go botlhe. Mo legaeng ja Gagwe, le gongwe le gongwe kwa O na A ka nna teng, O na A tšhwana le marang a letsatsi a a itumelang.KMR 19.7

    O na A akanyetsa a le pelonomi mo batšofeng le bahumaneging, mme O bontshitse bopelonomi le mo dipholofolong tse di sa bueng. O na A ka tlhokomela ka bonolo nonyane e nnye, mme selo sengwe le sengwe se se tshedileng se ne se itumela fa A le gaufi.KMR 19.8

    Mo metlheng ya ga Jesu Bajuda ba ne ba tlhokomela thata thutego ya bana ba bone. Dikole tsa bone di ne di dirisanya le matlo a thuto, kana mafelo a kobamelo, mme baruti ba ne ba bidiwa marena kana baruti, banna ba ba neng ba tšhwanetse gore ba bo ba rutegile thata. Jesu ga A ka A ya mo dikoleng tse, gonne di ne di ruta dilo di le dintsi tse di seng boammaaruri. Mo boemong jwa lefoko ja Modimo, dipolelo tsa batho di ne di ithutwa, mme gantsi tse di ne di le kgatlhanong le se Modimo O nong O se rutile ka baperofeti.KMR 20.1

    Modimo ka Osi ka Moya wa One o o Boitshepo Oa ruta Marie kafa o tšhwanetseng go godisa Morwa One. Marie o rutile Jesu mo Dikwalong tse di Boitshepo, mme A ithuta go di bala le go di ithuta ka bo-Ene.KMR 20.2

    Jesu le gone O na A ratile go ithuta dilo tse di gakgamatsang tse Modimo O no O di dirile, mo lefatshing le mo loaping. Mo lokwalong lo lwa tlholego A bona ditlhare le ditlhatshana le dipholofolo, le letsatsi le dinaledi.KMR 20.3

    Letsatsi ka letsatsi A di disa, mme A leka go ithuta dithuto mo go tšone, le go tlhaloganya kafa dilo di ntseng.KMR 20.4

    Baengele ba ba boitshepo ba ne ba na le Ene, mme ba Mo thusa go ithuta kaga Modimo mo dilong tse. Ke gone, jaaka A ntse A gola ka boleele le nonofo, A gola le gone mo kitsong le botlhaleng.KMR 20.5

    Ngwana mongwe le mongwe a ka nna le botlhale fela jaaka Jesu A dirile. Re tšhwanetse go senyetsa nako ya rona mo go ithuteng mo go leng boammaaruri fela. Maaka le ditlhamane ga di ketla di re dira molemo.KMR 20.6

    Ke boammaaruri fela jo bo nang le thušo, mme jo re ka bo ithuta mo Lefokong ja Modimo le ditirong tsa One. Jaaka re ithuta dilo tse baengele ba tla re thusa go tlhaloganya.KMR 20.7

    Re tla bona botlhale le molemo wa Rraetsho wa legodimo. Megopolo ya rona e tla nonotshwa, dipelo tsa rona di itshekisiwa, mme re tla tšhwana bogolo le Keresete.KMR 20.8

    Ngwaga le ngwaga Josefe le Marie ba ne ba tlhatlogela kwa Jerusalema, Modirong wa tlolaganyo. Erile Jesu a le dingwaga di lešome le bobedi, ba tsamaya le Ene.KMR 20.9

    Lo e ne e le loeto lo lo itumedisang. Batho ba ne ba tsamaya ka dinao, kana ba pagame makaba gongwe diesela, mme go no go tsaya malatsi a le mantsi go ya. Sebaka se se fa gare ga Nasaretha le Jerusalema e ka ne e le bomaele ba le mašome a supa. Go tšwa dintlheng tšotlhe tsa lefatshe jeo, le go tšwa mo mafatshing a mangwe, batho ba ne ba ya modirong o, mme ba ba tšwang felo go le gongwe gantsi ba ne ba tle ba ete mmogo, mo setlhopheng se segolo.KMR 20.10

    Modiro o no o tshegediwa gaufi le bofelo jwa Mopitlwe gongwe tshimologong ya Moranang. Lo e ne e le lobaka lwa selemo mo Palestine, mme naga yotlhe e ne e ntlafaditšwe ke dithunya, mme e itumedisiwa ke dikopelo tsa dinonyane.KMR 21.1

    Jaaka ba ntse ba tsamaya batsadi ba ne ba bolelela bana ba bona kaga dilo tse di gkgamatsang tse Modimo O no O di diretse bana ba Iseraela mo dingwageng tse di neng di fetile. Mme gantsi ba ne ba tle ba opele mmogo dingwe tsa dipesalema tsa ga Dafide.KMR 21.2

    Mo metlheng ya ga Keresete batho ba ne ba setse ba tsidifetse ba le setšhwanong fela mo tirelong ya bone Modimo. Ba ne ba akanya bogolo kaga dikgatlhego tse e leng tsa bone bogolo go molcmo wa One mo go bone.KMR 21.3

    Mme go no go sa nna jalo ka Jesu. O na A rata go akanya kaga Modimo. Jaaka A tsena mo tempeleng, A disa baperisiti mo tirong ya bone. A inama le baobamedi jaaka ba khubama go rapela, mme lentšwe ja Gagwe ja kopanela dikopelo tsa pako.KMR 21.4

    Mošo mongwe le mongwe kwanyana e ne e isiwa setlhabelo mo sebešong. Mo e ne e le go bontsha lošo lwa Mmoloki. Erile fa ngwana Jesu A leba kwanyana, Moya o o Boitshepo wa Mo ruta tlhalošo ya yone. O na A itse gore Ene ka esi, jaaka Kwana ya Modimo, O na le go šwela dibe tsa batho.KMR 21.5

    Ka kakanyo e e ntseng jalo mo mogopolong wa Gagwe, Jesu O na A batla go nna A le esi. Jalo A se ka a nna le batsadi ba Gagwe mo tempeleng, mme erile ba simolola go ya gae O na A sena le bone.KMR 21.6

    Mo ntlwaneng e e pataganyeng le tempele go no go le sekole se se neng se rutwa ke baruti ba se-Juda, mme mo bonnong jo morago ga lobaka ngwana Jesu A tla teng. A nna le bafšwa ba bangwe tlase ga dinao tsa baruti ba bagolo, mme A reetsa mafoko a bone.KMR 21.7

    Bajuda ba ne ba na le megopolo e e phošo kaga Mesia. Jesu O na A itse selo se, mme A se ka A ganetsanya le banna ba ba ithutileng. Jaaka mongwe yo o na a eletsa go rutwa, A botsa dipotšo kaga tse baperofeti ba neng ba di kwadile.KMR 21.8

    Kgaolo ya mašome a matlhano le boraro ya Isaia e bua ka lošo lwa Mmoloki, mme Jesu A bala kgaolo e, mme A botsa tlhalošo ya yone.KMR 22.1

    Baruti ba retelelwa ke go ntsha karabo. Ba simolola go botsa Jesu, mme ba gakgamadiwa ke kitšo ya Gagwe kaga Dikwalo.KMR 22.2

    Ba bona gore O na A tlhaloganya Bibela kgakala go ba gaisa. Ba bona gore go ruta ga bone go no go le phošo, mme le gale ba ne ba sa rate go dumela selo sengwe se sele.KMR 22.3

    Lefa go ntse jalo Jesu O na A le bori le bonolo mo ba bileng ba se ka ba Mo gakalela. Ba ne ba batla go Mo tshegetsa jaaka moithuti, mme ba Mo rute go tlhalosa Bibela jaaka ba ne ba e tlhalosa.KMR 22.4

    Erile Josefe le Marie ba tšwa mo Jerusalema mo loetong Iwa bone go boela kwa gae, ga ba ka ba lemoga gore Jesu O na A setse kwa morago.KMR 22.5

    Ba ne ba gopola gore O na A na le bangwe ba ditsala tsa bone mo lešomong.KMR 22.6

    Mme erile mo go thibelelwang bosigo, ba tlhoka seatla sa Gagwe se se thusang. Ba Mo senka gare ga lešomo, mme ya bo e le lefela.KMR 22.7

    Josefe le Marie ba nna mo poifong e kgolo. Ba gakologelw’a kafa Herode o na a lekile go bolaya Jesu mo bonyaneng ywa Gagwe, mme ba ne ba boifa gore bošula bongwe bo no bo Mo wetse janong.KMR 22.8

    Ka dipelo tse di tletseng bohutsana ba itlhaganelela kwa Jerusalema; mme ga ba aka ba Mmona go tsamaye letsatsi ja boraro.KMR 22.9

    Boitumelo jo bogolo e ne ya nna jwa bone mo go Mmoneng, lefa go ntse jalo Marie a gopola gore o na a le molato ka go ba tlogela. A re:KMR 22.10

    “Morwaaka, O no O re direlelang jalo? Bona, rrago le nna re Go batlile ka bohutsana.”KMR 22.11

    “Lo no lo mpatlelang ” Jesu A riana; “A lo no lo sa itse fa Ke tšhwanetse go nna mo go tse e leng tsa ga Rre?” Luke 2: 48, 49.KMR 22.12

    Jaaka A bua mafoko a, Jesu A šupa kwa godimo. Mo sefatlhogong sa Gagwe go na le lesedi je ba neng ba le gakgamalela. Jesu O na A itse gore ke Morwa Modimo, mme O na A ntse A dira tiro e Rragwe O na A Mo rometse mo lefatshing go e dira.KMR 22.13

    Marie ga a ise a ke a lebale mafoko a. Mo dingwageng tse di latelang, a tlhaloganya botoka tlhalošo ya one.KMR 22.14

    Josefe le Marie ba ne ba rata Jesu, mme lefa go ntse jalo ba ne ba ntse tlhokomologo mo go Mo latlheng. Ba ne ba lebetse yone tota tiro e Modimo O nong O e ba neetse go e dira. Ka tlhokomologo ya letsatsi le le lengwe fela ba latlha Jesu.KMR 22.15

    Ka yone tsela e e ntseng jalo gompieno bontsi bo latlhegelwa ke Mmoloki mo setlhopheng sa bone. Fa re sa rate go akanya kaga Gagwe, gongwe go Mo rapela: mogang re buang mafoko a botšhwakga, a bopelo-e-thata, gongwe mafoko a a bošula, re ikgaoganya le Keresete. Kwa ntle ga Gagwe, re bojosing le khutsafalo.KMR 23.1

    Mme fa ruri re eletsa bothaka jwa Gagwe, ka metlha O tla nna le rona. Le botlhe ba ba batlang boteng jwa Gagwe, Mmoloki 0 rata go nna. O tla thamisa legae je le humanegileng thata, mme A itumedise pelo e e kgobaletseng.KMR 23.2

    Lefa A na A itse gore ke Morwa wa Modimo, Jesu O na A ya kwa Nasaretha le Josefe le Marie. Go tsamaya A nna dingwaga tse di mašome mararo O na” A nna A ba utlwa.”KMR 23.3

    Ene yo o ntse A le .Molaodi wa legodimo mo lefatshing O na A le ngwana yo O lorato yo o utlwang. Dilo tse di kgolo tse di lerilweng kgopolong ya Gagwe ke tirelo ya tempele di ne di fitlhilwe mo pedung ya Gagwe. A leta ga tsamaya nako ya Modimo ya tla go simolola tiro ya Gagwe e O e laoletšweng.KMR 23.4

    Jesu O na A nna mo legaeng ja motho wa naga, monna wa humanegi. Ka boikanyego le ka boitumelo A dira tiro ya Gagwa mo go thuseng go tshegetsa legae. Erile A godile mo go lekanyeng, A ithuta papadi, mme A direla mo tlung ya go betlela ya ga Josefe Ka diaparo tse di magwata tsa batho ba ba kwa tlase ba ba dirang A kgabaganya mebila ya motsana, A ya le A tšwa tirong ya Gagwe. Ga A ka A dirisa thata ya Gagwe e e boitshepo go dira botshelo jwa Gagwe motlhofo.KMR 23.5

    Jaaka Jesu A ntse A dira mo bonyaneng le mo bokaung, A gola ka nonofo mo mmeding le mo mogopolong. O lekile go dirisa nonofo tšotlhe tsa Gagwe ka tsela e e ntseng jana go di tshegetsa botshelong jo bo itekanetseng, gore A nonofe go dira tiro e e botoka mo tselaneng nngwe le nngwe.KMR 23.6

    Sengwe le sengwe se O se dirileng se dirilwe sentle. O na A batla go nna boitekanelo, le mo go tšhwareng didiri. Ka sekao sa Gagwe A ruta gore re tšhwanetse go dira ka diatla, gore re dire tiro ya rona sentle le ka tlhokomelo, le gore tiro e e ntseng jalo e ya tlotlega. Botlhe ba tšhwanetse go bona sengwe se ba ka ss dirang se se tla nnang thušo mo go bone le mo go ba bangwe.KMR 23.7

    Modimo O re neile tiro go nna lesego, mme O itumedisiwa ke bana ba ba tsayang ka boitumelo kabelo ya bone mo ditšhwanelong tsa legae, ba kopanela morwalo le rara le mma. Bana ba ba ntseng jalo ba tla tloga mo gae ba ye go nna tshegofatšo mo go ba bangwe.KMR 24.1

    Bafšwa ba ba lekang go kgatlha Modimo mo go tšotlhe tse ba di dirang, ba ba dirang tshiamo ka gonne e le tshiamo, ba tla dirisega mo lefatshing. Ka go nna boikanyego mo bonnong jo bo kwa tlase ba itšhwanetsa maemo a a kwa godimo.KMR 24.2

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents