Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 31—LETSATSI JA KATLHOLO

    Letsatsi la go tla ga ga Keresete ke letsatsi ja katlholo mo lefatshing.KMR 123.1

    Dikwalo dia bolela, “Bonang, Jehofa O na A tla, A na le baitshepi ba Gagwe ba le makgolo kgolo, A tla go diraletsa botlhe katlholo.” Jude 14, 15.KMR 123.2

    “Mme merafe yotlhe e tla phuthelwa fa pele ga Gagwe. Mme O tla ba kgaoganya bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi.” Mathaio 25: 32.KMR 123.3

    Mme pele ga letsatsi jeo, Modimo O tlhagisa batho kaga se se tlang. Ka metlha O neile batho tlhagiso kaga dikatlholo tse di tlang. Bangwe ba dumetse tlhagišo mme ba utlwile lefoko ja Modimo. Ba ba falotse dikatlholo tse di tletseng ba ba sa utlweng le ba ba sa dumeleng.KMR 123.4

    Pele ga O senya lefatshe ka morwalela Modimo O laotse Noa, “Tsena, wena le ntlo ya gago yotlhe mo tlung e e kokobalang: gonne wena, Ke go bonye O le tshiamo fa pele ga Me.” Genesise 7: 1. Noa a utlwa mme a bolokwa. Pele ga tshenyo ya Sodoma, baengele ba lerile kwa go Lote molaetsa, “Nanogang, lo tšwe felong fa: gonne Jehofa O tla senya motse o.” Genesise 19: 14. Lote a utlwa tlhagišo mme a bolokwa.KMR 123.5

    Jalo janong re tlhagisiwa ka go tla ga bobedi ga Keresete le kaga tshenyego e e tla welang mo lefatshing, mme botlhe ba ba utlwang tlhagišo ba tla bolokwa.KMR 123.6

    Basiami, jaaka ba bona Keresete mo go tleng ga Gagwe, ba tla goa ba re, “Bonang, Modimo wa rona, ko Ona O; re ntse re O lebeletse, O tla re boloka.” Isaia 25:9.KMR 123.7

    Ka gonne re sa itse e e leng yone nako tota ya go tla ga Gagwe re laolwa go disa. “Go sego batlhanka bao, ba e tla reng Morena wa bone A tla, A ba fitlhele ba lebeletse.” Luke 12: 37.KMR 123.8

    Ba ba disang go tla ga Morena ga ba na go leta mo botšhwakgeng. Tebelelo ya go tla ga ga Keresete ke go dira batho go boifa dikatlholo tsa Modimo mo batloding. Ke go ba tšosetsa boikwatlhaong kaga dibe tsa bone mo go robeng ditaolo tsa One.KMR 123.9

    Fa re ntse re letile go tla ga Morena, re na le go dira ka tlhoa- falo. Go itse gore 0 fa mojako, go tšhwanetse go re gogela go direng ka tlhoafalo re direla poloko ya bangwe ka rona. Jaaka Noa a neile batho tlhagišo e e tšwang go Modimo pele ga morwalela, jalo botlhe ba ba tlhaloganyang lefoko ja Modimo ba na le go naya batho ba lobaka lono tlhagišo.KMR 123.10

    “Mme jaaka metlha ya ga Noa e ne e ntse, go tla ga Morwa Motho go tla nna fela jalo. Gonne jaaka go le ga nna mo metlheng eo ya pele ga morwalela, ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba newa nyalong, go tla go fitlha mo tsatsing je Noa o tsenyeng mo tlung e e kokobalang ka jone. Mme ba sa itse, morwalela wa ba wa tla wa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gone go tla nna fela jalo.” Mathaio 24: 37-39.KMR 124.1

    Batho ba metlha ya ga Noa ba gobolotse dineo tsa Modimo.Go ja go bone le go nwa go isitse kwa botagweng le boapung.KMR 124.2

    Ba lebetse Modimo, mme ba ineela mo tirong nngwe le nngwe e e bosula le e e makgapha.KMR 124.3

    “Jehofa A bona fa boikepo jwa motho bo le bogolo mo lefatshing, le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe gotlhe, go no go le bosula ka metlha yotlhe.” Genesise 6: 5. E ne e le ka ntlha ya boikepo jwa bone batho ba motlha oo ba sentšweng.KMR 124.4

    Batho ba dira tšone dilo tseo gompieno. Boapu, go tlhoka boithibo, dikeletšo tse di sa katisegeng, ditiro tse di bosula, di tlatsa lefatshe ka boikepo.KMR 124.5

    Mo malatsing a ga Noa lefatshe le ne la senngwa ka metse. Lefoko ja Modimo le ruta gore janong le na le go senngwa ka molelo.KMR 124.6

    “Ka lentšwe ja Modimo; . . . lefatshe ja jale le senyegile ka one, ka le penologelwa ke metse: mme magodimo a gompieno a beetšwe molelo, le lefatshe, e ntse e le ka jone lentšwe jeo, ka a letisiwa letsatsi ja tshekišo le ja tshenyego ya baikepi.” 2 Petere 3: 5-7.KMR 124.7

    Batho ba pele ga morwalela ba šotlile ka ditlhagišo tsa Modimo. Ba biditse Noa segogotlo le motšhosi. Banna ba bagolo ba ba rutegileng ba bolela gore morwalela o o tšhwanang le o o na a o bolela wa metse o no o ise o ke o itsiwe, le gore o no o se ketla o tla.KMR 124.8

    Gompieno lefoko ja Modimo le utlua go le gonnye. Batho ba tshega ka ditlhagišo tsa jone. Bontsi bo re, “Dilo tšotlhe di sa ntse di ntse jaka di ne di ntse le mo tshimologong ya lefatshe. Ga go sepe sa go boifiwa.”KMR 124.9

    Ka yone nako e, tshenyego e etla. Fa batho ba botsa ka go šotla, “Tšholofetso ya go tla ga Gagwe e kae?” ditshupo dia dirala.KMR 125.1

    “E tla re ba ntse ba re, Kagišo le thagamo, foo tshenyego ya tšhoganetšo e ba wele, mme ga ba ketla ba falola gope.” 1 Bathesalonia 5:3.KMR 125.2

    Keresete Oa bolela: “Mme Ka re, fa O sa dise, Ke tla tla jaaka legodu, mme ga O ketla O itse nako e Ke tla go welang ka yone.” Tshenolo 3:3.KMR 125.3

    Gompieno batho ba sa ntse ba tserwe ke go ja le go nwa, go tlhoma le go aga, go nyala le go neela nyalong. Babapatsi ba sa ntse ba reka ba rekisa. Banna ba lwela manno a a kwa godimo. Barati ba dikgatlhego ba kgobokanela mo mafelong a botshamekelo, lobelong lwa dipitse, meleting ya go beelana. Gongwe le gongwe kgakatsego e befile; lefa go ntse jalo lobaka lwa teko lo feta ka bofefo, mme mojako wa boutlwelobotlhoko o tloga o tšwalelwa ruri.KMR 125.4

    Ga rona go builwe mafoko a tlhagišo a Mmoloki:KMR 125.5

    “Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imafadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiegelo tsa botshelo jono, mme letsatsi jeo ja lo wela ka tshoganetšo jaaka seru.” Luke 21: 34.KMR 125.6

    “Lona lebelelang ka metlha yotlhe, mme lo rapele gore lo kaiwe fa lo tšhwanetse go falola mo dilong tse tšotlhe tse di tla diralang, le go ema fa pele ga Morwa Motho.” Luke 21: 36.KMR 125.7

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents