Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 7—KOLOBETŠO

    Erile fa lobaka lo tsile lwa tirelo ya pepeneng ya ga Keresete, tiro ya Gagwe ya ntlha e ne e le go ya kwa nokeng ya Joredane, mme A kolobediwa ke Johane wa Mokolobetsi.KMR 29.1

    Johane o na a rometšwe go baakanyetsa Morena tsela. O na a rerile kwa gare ga naga, a re:KMR 29.2

    “Bogosi jwa Modimo bo atametse: ikwatlhayeng, lo dumele Mafoko a a Molemo.” Mareko 1: 15.KMR 29.3

    Boidiidi bo no bo phuthegela go mo utlwa. Ba le bantsi ba ne ba kgonwa kaga dibe tsa bone, mme ba kolobediwa ke ene mo Joredane.KMR 29.4

    Modimo O no O itsisitse Johane gore letsatsi lengwe Mesia O na A tla tla go ene mme A lope gore a kolobediwe. O no O bile O šolofeditse gore o na a tla newa tshupo, e le gore a tle a itse yo e neng e le Ene.KMR 29.5

    Erile Jesu A tla, Johane a bona mo sefatlhogong sa Gagwe: ditshupo tsa botshelo jwa Gagwe jo bo boitshepo, a ba a Mo itsa, a re: “Ke tšhwanetse ka bo ke kolobediwa ke Wena, mme a O tla mo go nna?KMR 29.6

    “Mme Jesu A mo fetola, A re, Mma go nne jalo gompieno: gonne go re tšhwanetse go diratsa tshiamo yotlhe jalo.” Mathaio 3: 14, 15.KMR 29.7

    Mme erile fa A bua jana, ga bonala mo sefatlhogong sa Gagwe jone lesedi ja selegodimo je Simeone o nang a le bonye.KMR 29.8

    Jalo Johane a etelela Mmoloki mo metsing a Joredane e ntle, mme gone a Mo kolobetsa mo ponong ya batho botlhe.KMR 29.9

    Jesu ga a ka A kolobelediwa go bontsha boikwatlhaelo dibe tse e leng tsa Gagwe; gonne O na A ise A ka A leofe. O go dirile go re beela sekao.KMR 29.10

    Erile fa A tlhatloga mo metsing, A khubama fa lotshitshing lwa noka, mme A rapela. Foo magodimo a bulega, marang a kgalalelo a gorometsega, “mme A bona Moya wa Modimo o fologa jaaka lephoi, o fologela mo go Ene.”KMR 29.11

    Sefatlhogo sa Gagwe le popego tšotlhe tsa phatsima ka lesedi ja kgalalelo ya Modimo. Mme ga utlwala lentšwe ja Modimo le tšwa mo legodimong le re :KMR 29.12

    “Yo ke Morwaake yo O rategang, yo Ke itumelang thata mo go Ene.” Mathaio 3: 16, 17.KMR 31.1

    Kgalalelo e e neng ya nna fa godimo ga Keresete e ne e le ikano ya lorato lwa Modimo mo go rona. Mmoloki O tsile jaaka sekao sa rona; mme ka tlhomamišo fela jaaka Modimo O utlwile thapelo ya Gagwe, O tla utlwa ya rona.KMR 31.2

    Ba ba tlhokang bogolo, ba ba leofileng bogolo, ba ba nyatsegileng segolo, ba ka nna ba bona katamelo kwa go Rara. Fa re tla go Ene mo leineng ja ga Jesu, lentšwe je le neng ja bua le Jesu le bua le rona, le re: Yo ke ngwanake yo o rategang, yo Ke itumelang mo go ene.KMR 31.3

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents