Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 13—PALAMELO MO JERUSALEMA

    Jesu O na A atamela Jerusalema go tlhokomela tlolaganyo. O na A dikanyeditšwe ke boidiidi jo bo nong bo ya modirong o mogolo o wa ngwaga le bone. Ka taolo ya Gagwe, ba le babedi ba barutwa ba Gagwe ba lere eselana gore A palemele mo Jerusalema. Ba ala dikobo tsa bone godimo ga yone, mme ba baya Morena wa bone godimo ga yone.KMR 58.1

    Fela fa A sena go nna, lošalaba lo logolo lwa phenyo lwa gagola phefo. Boidiidi jwa Mo goelela jaaka Mesia, Kgosi ya bone. Go feta dingwaga tse di makgolo a matlhano pele ga mo, moperofeti o na a boleletsepele pono e:KMR 58.2

    “Itumela thata, wena morwadia Siona; . . . bona, Kgosi ya gago ee tla kwa go wena: . . . O boikokobetso, O palame esela, ebong eselana ngwana wa esela.” Sekaria 9: 9.KMR 58.3

    Botlhe mo lešomong je le golang ka bonako ba ne ba itumetse ba teatea. Ba ne ba sa kgone go Mo naya dimpho tse di tlhwatlhwa kgolo, mme ba ala dikobo tsa bone jaaka phate mo tseleng ya Gagwe.KMR 58.4

    Ba roba dikala tse di dintle tsa matlhware le makolane, mme ba di gasa mo tseleng. Ba gopola gore ba ne ba isa Keresete go ya go tsaya setulo sa bogosi sa ga Dafide mo Jerusalema.KMR 58.5

    Mmoloki O na A ise A ke A letle balatedi ba Gagwe pele ga mo go Mmontsha ditlotlo tsa bogosi. Mme mo lobakeng lo A eletsa bogolo go itshenolela lefatshe jaaka Morekolodi wa jone.KMR 58.6

    Morwa Modimo O na A tloga A nna setlhabelo sa dibe tsa batho. Kereke ya Gagwe mo dingwageng tšotlhe tse di latelanang e tšhwanetse go dira lošo lwa Gagwe polelo ya mogopolo o o boteng le ya go ithutwa. Go no go tlhokega, foo, gore matlho a batho janong a lebisiwe kwa go Ene.KMR 58.7

    Morago ga pono e e ntseng jana, teko ya Gagwe le papolo e ne e se kake ya fitlhelwa lefatshe. E ne e le leano ja Modimo gore nngwe le nngwe ya ditiragalo mo malatsing a tšwalo a botshelo jwa Mmoloki e tshwaiwe sentle gore go se nne thata epe e e neng e ka dira gore e lebalwe.KMR 58.8

    Mo boidiiding jo bogolo jo bo dikanyeditseng Mmoloki go no go le ditshupo tsa thata ya Gagwe e e dirang dikgakgamatšo.KMR 59.1

    Difofu tse O na A di neile pono di ne di eteletse pele tseleng.KMR 59.2

    Dimumu tse O na A golotse diteme tsa tšone, di ne di goa dihosana.KMR 59.3

    Ditlhotsa tse O na A di fodisitse di tlolaka ka boitumelo, mme ba ne ba le tlhaga mo go robeng dikala tsa makolane mme ba di kgatikanya fa pele ga Gagwe.KMR 59.4

    Batlholagadi le masiela ba ne ba godisa leina ja ga Jesu ka ntata ya ditiro tsa Gagwe tsa boutlwelobotlhoko go bone.KMR 59.5

    Balepero ba ba ilegang ba ba neng ba fodisitšwe ka lefoko, ba ala dikobo tsa bone mo tseleng.KMR 59.6

    Ba ba neng ba tšositšwe mo bašwing ke lentšwe je le nayang botshelo ja Mmoloki ba ne ba le teng.KMR 59.7

    Le Lasaro, yo mmele wa gagwe o nong o setse o bodile mo phupung, mme yo janong o na a itumela mo nonofong ya bonna jo bo galalelang, o na a na le bontši jo bo itumetseng jo bo nong bo isa Mmoloki mo Jerusalema.KMR 59.8

    Jaaka palo e ntšha e oketsa bontsi, ba tshwara tlhotlheletso ya nako, eo, mme ba tsenelela mo lošalabeng lo lo nong lo utlwala lo bo lo utlwale go tšwa thabeng nngwe go ya go e nngwe le go tšwa mogogorong go ya mogogorong:KMR 59.9

    “Hosana; Morwa Dafide! Go bakwe yo o tlang ka leina ja Morena; Hosana, mo bogodimodimong.” Mathaio 21: 9.KMR 59.10

    Bafarisai ba le bantsi ba supetse pono e, mme ba itumogola. Ba ikutlwa gore ba ne ba latlhegelwa ke taolo ya batho. Ka thata yotlhe ya bone ba leka go ba didimatsa; mme ditshoso tsa bone le dipatelelo tsa bone tsa godisa tlhagafalo.KMR 59.11

    Ka ba fitlhela gore ba ne ba se kake ba kgona batho, ba itshukunyetsa gare ga bontsi go ya kwa Jesu O na A le gone, mme ba Mo raya ba re:KMR 59.12

    “Moruti, kgalemela barutwa ba Gago.”KMR 59.13

    Ba bolela gore modumo o o ntseng jalo o no o sa letlelelwa, mme o no o se kake wa letlelelwa ke balaodi.KMR 59.14

    Jesu A ba raya A re, “Kea lo bolelela, gore, fa ba, ba ka didimala, maje a tla akofa a goa.” Luke 19: 39, 40.KMR 59.15

    Pono e ya phenyo e ne e le ya taolo ya Modimo; e ne e boleletšwe pele ke baperofeti, mme go no go se thata epe ya lefatshe e e neng e ka e emisa. Tiro ya Modimo ka metlha e tla nna e tšwela pele, lefa motho a ka ne a ka dira eng le eng go e kgoreletsa kana go e gagola.KMR 59.16

    Popelelo jaaka e atamela phatla ya thaba e e okameng Jerusalema, bontle jotlhe jwa motse jwa kgatlhantsha pono ya bone.KMR 60.1

    Boidiidi jo bogolo jwa didimala, ka patelesego ya bontle jwa tshoganetso jwa ponatshego. Matlho otlhe a retologela Mmoloking, ba lebeletse go bona mo sefatlhogong sa Gagwe kgatlhego e bone ba neng ba na le yone.KMR 60.2

    Jesu A ema, mme leru ja bohutsana ja phuthegela sefatlhogong sa Gagwe, mme boidiidi jwa gakgamalela go Mmona a thubega ka selelo se se botlhoko.KMR 60.3

    Ba ba neng ba dikanyeditse Mmoloki ba se ka ba tlhaloganya bohutsana jwa Gagwe; mme O na A lelela motse o o nong o latlhilwe.KMR 60.4

    O no o ntse o le ngwana wa tlhokomelo ya Gagwe, mme pelo ya Gagwe ya tlala kutlo botlhoko fa A lemoga gore o no o tloga o ropefadiwa.KMR 60.5

    Fa batho ba one ba ka bo ba ne ba utlwile dithuto tsa ga Keresete, mme ba Mo amogela jaaka Mmoloki, Jerusalema o ka bo o no wa “nnela ruri.”KMR 60.6

    O ka bo gongwe o no wa direga mohumagadi wa magosi, o gololegile mo thateng ya one e e neilweng ke Modimo.KMR 60.7

    Foo go ka bo go se ka ga nna le mephato e e letileng dikgorong tsa one, go se dibanera tsa Maroma mo dithakong tsa one.KMR 60.8

    Lephoi ja kagišo le ka bo le dule mo Jerusalema le tšwela merafing yotlhe. O ka bo o no o le kgalalelo ya lefatshe.KMR 60.9

    Mme Bajuda ba ne ba ganne Mmoloki wa bone; ba ne ba tloga ba bapola Kgosi ya bone. Mme e ne e tla re letsatsi le phirima bosigong joo, tatlho ya Jerusalema e ne e tla kanelwa ruri. (E ka ne e le dingwaga tse di mašome a mane morago ga mo, Jerusalema o no wa senngwa ka botlalo mme wa tshujwa ka molelo ke ntwa ya Baroma.)KMR 60.10

    Dikitsiso di ne di setse di fitlhile kwa balaoding gore Jesu O na A atamela motse le setlhopha se segolo sa balatedi. Ba tswela go ya go Mo kgatlhantsha, ba šolofetse go phatlalatsa bontsi. Ka go itshupa thata e kgolo ba botsa:KMR 60.11

    “Ke mang yo?” Mathaio 21: 10.KMR 60.12

    Barutwa, ba tletse Moya wa tlhotlheletso, ba fetola: “Adame o tla lo bolelela, ke Losika lwa mosadi lo lo tla tapetang tlhogo ya noga.”KMR 61.1

    “Botsang Aberahame, o tla lo bolelela, ke Melekisedeke, Kgosi ya Salema, Kgosi ya Kagiso.”KMR 61.2

    “Jakobe o tla lo bolelela, Ke Shilo wa lotso lwa ga Juda.”KMR 61.3

    “Isaia o tla lo bolelela, Imanuele, Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothatayotlhe, Rara, wa bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.”KMR 61.4

    “Jeremia o tla lo bolelela, Letlhogele ja ga Dafide, Jehofa, tshiamo ya rona.”KMR 61.5

    “Daniele o tla lo bolelela, Ke Mesia.”KMR 61.6

    “Hosea o tla lo bolelela, Ke Jehofa Modimo wa Mašomosomo, Jehofa ke segopodiso sa Gagwe.”KMR 61.7

    “Johane Mokolobetsi o tla lo bolelela, Ke Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe.”KMR 61.8

    “Jehofa yo mogolo O boletse a le mo teroneng ya Gagwe, Yo ke Morwake yo O rategang.”KMR 61.9

    “Rona, barutwa ba Gagwe, rea bolela, Yo ke Jesu, Mesia, Kgosana ya botshelo, Morekolodi.”KMR 61.10

    “Le e leng kgosana ya lefifi e ya Mo dumela, ya re, Kea Go itse gore O mang, Moitshepi wa Modimo!”KMR 61.11

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents