Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 27—EYA O BOLELELE BARUTWA BA ME

    Luke, mo polelong ya gagwe ya phitlho ya Mmoloki, o bua ka basadi ba ba neng ba na nae kwa papolong ya Gagwe, mme a re:KMR 108.1

    “Ba boya, ba baakanya malao le ditlotso; mme ba ikhutsa ka letsatsi ja Sabata, kafa taolong.” Luke 23: 56.KMR 108.2

    Mmoloki O fitlhilwe ka Friday, letsatsi ja borataro ja weke. Basadi ba baakanya malao le ditlotso tse ka tšone ba tla baakanyang Morena wa bone gore A se bole, mme ba di baya, ga tsamaya Sabata sa feta. Eseng lefa e le tiro ya go tlotsa mmele wa ga Jesu e ba neng ba ka e dira ka letsatsi ja Sabata.KMR 108.3

    “Mme erile Sabata o sena go feta, . . . go le ka maphakela a magolo, ba tla ba fitlha fa phupung letsatsi le sena go tlhaba.” Mareko 16: 1, 2.KMR 108.4

    Ya re ba atamela tshimo, ba gakgamadiwa ke go bona magodimo a bonesitšwe sentle, le go utlwa lefatshe le roroma tlase ga dinao tsa bone. Ba itlhaganelela kwa phupung, mme ba gakgamadiwa segolo go bona gore lentšwe le ne le fidikolotšwe, le gore badisa ba Baroma ba ne ba seyo.KMR 108.5

    Maria Magadalene e ne e le ene wa ntlha go goroga teng. Ka a bona gore lentšwe le tlositšwe a itlhaganelela go ya go bolelela barutwa. Erile basadi ba bangwe ba tla, ba lemoga lesedi je le phatsimang fa phupung, mme ka ba leba mo teng, ba bona gore e ne e sena sepe.KMR 108.6

    Jaaka ba ntse ba diegile teng, ka tšhoganetso ba bona lekau je le apereng diaparo tse di phatsimang le ntse phupung. E ne e le moengele yo o na a fidikolotse lentšwe. Mo poifong ya bone ba retologa ba sia, mme moengele a re:KMR 108.7

    “Lona se boifeng: gonne kea itse fa lo batla Jesu yo O na A bapotšwe. Ga A yo fa; gonne O tšogile, fela jaaka A na A bua. Tlang, lo bone felo fa Morena O na A letse gone.KMR 108.8

    “Mme lo itlhaganele, lo ye go raya barutwa ba Gagwe, lo re, O tšogile mo bašwing; mme bonang, O lo etelelela pele kwa Galilea; lo tla mmona gone.” Mathaio 28: 5-7.KMR 108.9

    Ya re basadi ba leba gape mo phupung, ba bona moengele yo mongwe yo o phatsimang, yo o ba boditseng:KMR 109.1

    “Lo batlelang motshedi mo bašwing? Ga A yo fa: mme O tšogile: gakologelwang kafa O buileng le lona ka gone A sa ntse A le kwa Galilea, A re, Morwa Motho O na le go neelwa mo diatleng tsa batho ba boleo, le go bapolwa, le go ba A tšoga ka letsatsi ja boraro.” Luke 24: 5-7.KMR 109.2

    Baengele foo ba tlhalosa lošo le tšogo ya ga Keresete. Ba gakolola basadi ka mafoko a Jesu ka esi O na A a buile, a mo go one O na A boleletse pele papolo ya Gagwe le tšogo ya Gagwe. Mafoko a a ga Jesu a na a le phepa janong mo go bone, mme ka tsholofelo e ntšha le nametso ba itlhaganelela go ya go bolela dikgang tsa boitumelo.KMR 109.3

    Maria o na a ntse a seyo ponong e, mme janong a tla le Petere le Johane. Erile ba boela kwa Jerusalema, ene a sala fa phupung. O na a sa kake a itshokela go tloga go tsamaye a itse se se dirafaletseng mmele wa Morena wa gagwe. Ya re a eme a ntse a lela, a utlwa lentšwe je le rileng:KMR 109.4

    “Mosadi, O lelelang? O batla mang?”KMR 109.5

    Matlho a gagwe a na a foufaditšwe mo go kalo ke dikeledi mo o bileng a se ka a lemoga yo o na a bua nae. A gopola gore e ka nna mung a tshimo mme a mo raya ka go rapela a re:KMR 109.6

    “Morena, fa O Mo tlositse, mpolelela kwa O mmeileng gone, mme ke tla mo tlosa.”KMR 109.7

    O akantse gore fa e le gore phupu e ya monna wa mohumi e ne e akanngwa e tlotlega thata mo Moreneng wa gagwe, ene ka esi o na a tla mmaakanyetsa bonno. Mme janong lentšwe ja ga Jesu ka esi ja wela mo ditsebeng tsa gagwe. A re:KMR 109.8

    “Maria.”KMR 109.9

    Dikeledi tsa gagwe tsa phimolwa ka bofefo, mme a bona Mmoloki. Ka go lebala, mo boitumelong jwa gagwe, gore O na A bapotswe, a otlololela diatla tsa gagwe kwa go Ene, a re:KMR 109.10

    “Raboni” (Moruti).KMR 109.11

    Jesu foo A re, “Se nkame gonne ga Ke e se Ke tlhatlogele kwa go Rara: mme O ye kwa go bana ba ga Rre, O ba ree, O re, Ke tlhatlogela kwa go Rre, le Rra eno, le kwa go Modimo wa Me, le Modimo wa lona.” Johane 20: 15-17.KMR 109.12

    Jesu O ganne go amogela tlotlo ya batho ba Gagwe go tsamaya A itse gore setlhabelo sa Gagwe se ne se amogetšwe ke Rara. A tlhatlogela kwa makgotleng a legodimo, mme mo Modimong ka osi A utlwa gore tetlanyo ya Gagwe ya dibe tsa batho e ne e lekanye, mme ka madi a Gagwe botlhe ba ka bona botshelo jo bo sa khutleng.KMR 110.1

    Thata yotlhe kwa legodimong e ne e neilwe Kgosana ya Botshelo, mme A boela kwa balateding ba Gagwe mo lefatshing ja boleo, gore A tle A ba nee thata ya Gagwe le kgalalelo.KMR 110.2

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents