Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 17—KOKO LE TŠHWARO

    Go no go se metlhala ya kutlobotlhoko ya Gagwe ya kgantele e e neng e ka bonwa jaaka Mmoloki A gatela kwa pele go kgatlhantsha mooki wa Gagwe. A eme kwa pele ga barutwa ba Gagwe, A botsa bontši:KMR 75.1

    “Lo batla mang?”
    Ba fetola, “Jesu wa Nasaretha.”
    Jesu A fetola, “Ke Nna.”
    KMR 75.2

    Johane 18: 4, 5.KMR 75.3

    Jaaka Jesu A bua mafoko a, moengele yo kgantele o na a Mo diretse a gobea gare ga Gagwe le bontsi. Lesedi ja Modimo ja bonesa sefatlhogo sa Mmoloki, mme setšhwano se eketeng lephoi sa Mo khurumetsa.KMR 75.4

    Mo ponalong ya kgalalelo e ya semodimo bontsi jwa babolai bo no bo sa kake jwa ema lefa e le ka nakonyana. Ba kgokgwetsegela kwa morago. Baperisiti, bagolwane, le batlhabani ba wela fa fatshe jaaka batho ba ba šuleng.KMR 75.5

    Moengele a katoga, mme lesedi ja fifala. Jesu O ka bo A na A falotse, mme A sala fela, tidimalong A sa boife sepe. Barutwa ba Gagwe ba ne ba gakgametse thata go ka bua lefoko. Batlhabani ba Baroma kabonako ba ema ka dinao. Ba na le baperisiti le Judase, ba ikokoanyetsa fa go Keresete. Ba lebega ba tlhabisiwa ditlhong ke bokoa jwa bone, le go boifa gore O tla falola. Gape potšo ya bodiwa ke Morekolodi: “Lo batla mang?”KMR 75.6

    Gape ba fetola, “Jesu wa Nasaretha.” Mmoloki foo A re, “Ke lo boleletse fa e le Nna: mme Ka re, fa lo batla Nna, lesang ba (A supa barutwa ba Gagwe) ba tsamaye.” Johane 18: 7, 8.KMR 75.7

    Mo nakong e ya teko, megopolo ya ga Keresete e ne e le ka barutwa ba Gagwe ba ba rategang. O na a sa eletse gore ba utlwe botlhoko, lefa A bile A ne A ya kgolegong le go šwa.KMR 75.8

    Judase, mooki, ga a ka a lebala kabelo e o na a tšhwanetse go e dira. A atamela go Jesu, mme a Mo atla.KMR 75.9

    Jesu A mo raya a re, “Tsala, dira se O tsileng go se dira.” Mathaio 26: 50. Lentšwe ja Gagwe ja roroma jaaka A oketsa, “A O oka Morwa Motho ka katlo.” Luke 22: 48.KMR 75.10

    Mafoko a a bonolo a a ka bo a amile pelo ya ga Judase; mme boutlwelobotlhoko jotlhe le tlotlo di lebegile di mo tlogetse. Judase o na a ineetse mo taolong ya ga Satane. A ema ka botlhoka poifo pele ga Morena, mme a se ka a tlhajwa ke ditlhong go Mo neela lekoko je le setlhogo.KMR 76.1

    Keresete ga A ka A gana katlo ya mooki. Mo O re neile sekao sa boiphapaanyo, lorato, le botlhomoga-pelo. Fa re le barutwa ba Gagwe, re tšhwanetse go tšhola baba ba rona jaaka A tšhotse Judase.KMR 76.2

    Lešomo ja babolai ja gankafala jaaka le bona Judase a ama sebopego se kgantele fela se neng se galaleditšwe pele ga matlho a bone. Janong ba tšhwara Mmoloki, mme ba bofa diatla tsele tse di neng di tshela di dira molemo.KMR 76.3

    Barutwa ba ne ba sa gopole gore Keresete O na A tla itesa go tsewa. Ba itsile gore nonofo e e neng e ka digela bontsi fa fatshe jaaka batho ba ba šuleng e ne e ka ba tshegetsa ba sena thušo go tsamaya Keresete le balekane ba Gagwe ba falola.KMR 76.4

    Ba ne ba šwaba ba ba ba gakadiwa ke jaaka ba bona dikgole di ntshiwa go bofa diatla tsa Ene yo ba neng ba Mo rata. Petere, mo bogaleng jwa gagwe, ka go itlhaganela a somola tšhaka ya gagwe, mme a leka go lwela Moruti wa gagwe. Mme a kgaola tsebe fela ya motlhanka wa moperisiti yo mogolo.KMR 76.5

    Erile Jesu A bona se se neng se dirilwe, A ikgolola diatla lefa A na A tšhwerwe ka thata ke batlhabani ba Baroma, mme A re, “Mmang Ke dire jana” (Luke 22: 51), A ama tsebe e e utlwisitsweng botlhoko, mme ya itekanediwa ka bonakonako.KMR 76.6

    Foo A raya Petere, “Ba O šomele tšhaka ya gago mo bonnong jwa yone: gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka. Kgotsa a O itlhoma, gore, Ke sa kake ka rapela Rre, mme e re fela jana A rome bogolo go mephato e le šome le bobedi ya baengele go nthusa? Me foo dikwalo di ne di tla dirala jang, ka di re, Go na le go nna jana.” Mathaio 26: 52-64. “Senwelo se Rara O se nneileng, a ga nketla Ke se nwa?” Johane 18: 11.KMR 76.7

    Keresete foo A retologela ditlhogong tsa bapsrisiti le balaodi ba tempela, ba ba neng ba na le bontsi, mme A re, “A ke go re, lo tšhologetse legodu, ka lo tsile go ntšhwara lo tshotse ditšhaka le melamu? Ke ntse ka nna le lona ka malatsi otlhe mo tempeleng, Ke ruta, mme lo no lo se ka loa ntšhwara: mme mo, go dirwa gore mafoko a dikwalo a dirale.” Mareko 14: 48, 49.KMR 76.8

    Barutwa ba kgopega fa ba bona gore Mmoloki O na A sa leke go ikgolola mo babeng ba Gagvve. Ba mmona molato ka go se dire jalo. Ba ne ba sa tlhaloganye boineelo jwa Gagwe mo lekokong, mme, ka ba tšhwerwe ke lotšhogo, ba Mo tlogela mme ba sia.KMR 77.1

    Keresete O na A boleletsepele tlogelo e. “Bonang” O na A rile, “lobaka loe tla, E lo setse lo fitlhile, lo lo tla faladiwang ka lona, mongwe le mongwe a ya ga gabo, mme lo ntlogela Ke le nosi.” Johane 16: 32.KMR 77.2

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents