Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 21—FA PELE GA HERODE

    Herode o na a ise a ka a bone Jesu pele, mme o na a eleditse ka boleele go Mmona, le go supa kaga thata ya Gagwe e e gakgamatsang. Jaaka Mmoloki a leriwe fa pele ga gagwe, bontsintsi jwa gogomoga jwa šukagana, bangwe ba goa selo se, ba bangwe se sengwe. Herode a laola tidimalo, gonne o na a eletsa go botsa legolegwa.KMR 89.1

    A leba ka kgakgamalelo le kutlwelobotlhoko sefatlhogo se se thunyeditšweng sa ga Keresete. A bona gone ditshupo tsa botlhale jo bo boteng le boitsheko. O na a kgorisega, jaaka Pilate a na a ntse, gore lotlhoo le lefufa di ne di dirile Bajuda ba baya Mmoloki molato.KMR 89.2

    Herode a emelela Keresete go dira nngwe ya ditshupo tsa Gagwe tse di gakgamatsang fa pele ga gagwe. A šolofetsa go Mo golola fa A na A ka dira jalo. Ka taelo ya gagwe, ditlhotsa le digole tsa leriwe mo teng, mme a laola Jesu go ba fodisa. Mme Mmoloki A ema fa pele ga Herode jaaka mongwe yo o sa boneng lefa e le go utlwa.KMR 89.3

    Morwa Modimo O na A itseetse tlholego ya batho. O tšhwanetse go dira jaaka motho a tšhwanetse go dira fa go ntse jalo. Ke gone O na A sa kake a dira kgakgamatšo go kgorisa keletšo fela, kana go Ipoloka mo ditlhabing le mo kgobalalong e motho o tšhwanetseng go e itshokela fa a beilwe mo maemong a a ntseng jaaka one a.KMR 89.4

    Bapateletsi ba Gagwe ba tšhoga fa ba utlwa Herode a lopa Keresete kgakgamatšo. Mo dilong tšotlhe ba boifile tshupo ya thata ya Gagwe ya bomodimo. Ponatšo e e ntšeng jalo e ne e tla nna e e thubakanyang maano otlhe a bone, gongwe e lope matshelo a bone. Jalo ba tšosa modumo gore Jesu O na A dira dikgakgamatšo ka thata e O na A e neilwe ke Belesebube, kgosana ya badimo.KMR 89.5

    Dingwaga di le dintsi pele ga mo, Herode o na a reeditse go ruta ga ga Johane Mokolobetsi. O na a amegile thata, mme o na a sa latlha botshelo jwa gagwe jwa go tlhoka boikgapo le boleo. Jalo pelo ya gagwe ya nna ya thatafala, mme kwa bofelong mo botagweng o na a laotse gore Johane a bolawe go itumedisa Herodiase yo o kgopo.KMR 89.6

    Janong o na a thatafetse segolo. O reteletšwe ke go itshokela tidimalo ya ga Jesu. Sefatlhogo sa gagwe sa fifadiwa ke tšhakgalo, mme ka bogale a bopela Mmoloki, yo O nnileng A sala A sa tshikinyege mme A didimetse.KMR 90.1

    Keresete O na A tsile lefatshing go fodisa ba ba dipelo di robegileng. Fa A ka bo A na A buile lefoko lengwe go fodisa moya o o lwalang ga boleo, O ka bo A se ka A didimala. Mme O na A sena mafoko a ba ba neng ba tla gataka boammaaruri ka dinao tsa bone tse di sa itshepang.KMR 90.2

    Mmoloki O na A ka nna A bua mafoko mo go Herode a a ka bong a phunyeleditse ditsebe tsa kgosi e e thatafetseng. O ka bo A na a mo iteile ka poifo le thoromo ka go baya fa pele ga gagwe botlalo jwa boikepo jwa botshelo jwa gagwe le poitshego ya tatlhego ya gagwe e e neng e atamela. Mme tidimalo ya ga Keresete e ne e le kgalemo e e thata go gaisa e O ka bong a na A e mo diretse.KMR 90.3

    Tsebe ele e ka metlha e ne e ntse e bulegetse go utlwa bohutsana jwa batho, e ne e se na bonno jwa taolo ya ga Herode. Pelo ele, e e neng e angwa ke thapelo ya le yo o leng moleofi wa baleofi, e ne ya tšwalelwa kgosi e e neng e ikgodisitse e e neng e sa ikutlwe go tlhoka Mmoloki.KMR 90.4

    Mo bogaleng, Herode a retologela kwa bathung, a bolela Jesu jaaka motsietsi. Mme bapateletsi ba Mmoloki ba ne ba itse fa A se motsietsi. Ba ne ba bonye di le dintsi tsa ditiro tsa Gagwe tse di nonofileng gore ba se dumele molato o.KMR 90.5

    Foo kgosi ya simolola ka ditlhong go gobolola le go šotla Morwa Modimo. “Le Herode le batlhabani ba gagwe ba Mo nyatsa, ba Mo šotla, ba Mo apesa seaparo se se manyedinyedi.” Luke 23: 11.KMR 90.6

    Jaaka kgosi ya moikepi e bona Jesu A amogela lobeko lo ka tidimalo, a tshikinngwa ke poifo ya tshoganetšo gore yo e ne e se mothonyana fela yo o fa pele ga gagwe. O na a akabadiwa ke mogopolo wa gore legolegwa je e ka ne e le motshedi mongwe wa legodimo yo o fologetseng mo lefatshing.KMR 90.7

    Herode a se ka a leka go siamisa tshekišo ya ga Jesu. O eleditse go ikgolola mo boikarabelong jo bo boitshegang, mme jalo a busetsa Mmoloki kwa go Pilate.KMR 90.8

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents