Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 12—MODISA YO O MOLEMO

    Mmoloki 0 buile ka ga Gagwe jaaka modisa, mme ka barutwa jaaka letšomane ja Gagwe. O rile: “Ke nna Modisa yo o Molemo; mme tse e leng tsa Me kea di itse, le tse e leng tsa Me dia nkitse.” Johane 10: 14.KMR 53.1

    Keresete O na A tloga A tlogela barutwa ba Gagwe, me O buile se go ba naya kgomotšo. Mogang O na A tla bo A sa tlhole A na nabo, ba ne ba tla gakologelwa mafoko a Gagwe.KMR 53.2

    Fela fa ba ne ba bona modisa a disitse letšomane ja gagwe ba ne ba tla akanya ka lorato le tlhokomelo ya Mmoloki mo go bone.KMR 53.3

    Mo lefatshing jeo modisa o na a nna le dinku tsa gagwe motshegare le bosigo jotlhe. Mo dithabeng tse di maje le gare ga dikgwa o di tsamaisa motshegare, a di isa boitumelong, masimong a bojang jo bo bontle tlase ga noka.KMR 53.4

    Bosigo o na a di lebelela, a di dibela mo dibataneng le magodung, a gantsi a neng a le gaufi.KMR 53.5

    Ka bonolo o na a babalela tse di bokoa tse di lwalang. Dikwanyana o na a di sikara mo mabogong a gagwe, a di sikara mo sehubeng sa gagwe.KMR 53.6

    Lefa letšomane le ne le ka ne le le bogolo jo bo kae, modisa o na a itse nku nngwe le nngwe. O na a na le leina ja nngwe le nngwe, mme o na a e bitsa ka leina ja yone.KMR 53.7

    Jalo Keresete, Modisa wa legodimo, O tlhokomela letšomane ja Gagwe je le phatlaletseng mo lefatshing. O re itse rotlhe ka leina. O itse yone ntlo tota e re nnang mo go yone, le leina ja mongwe le mongwe yo o mo teng ga yone. O tlhokomela nngwe le nngwe jaaka ekete go no go sena epe e sele mo lefatshing jotlhe.KMR 53.8

    Modisa o na a etelela dinku tsa gagwe, mme o na a kgatlhana le diphatsa tšotlhe. O na a tle a bone dibatana le magodu. Motlhamongwe modisa o na a tle a bolawe a ntse a disitse dinku tsa gagwe.KMR 53.9

    Jalo Mmoloki O disa letšomane ja Gagwe ja barutwa. O re eteletse pele. O tshedile mono lefatshing, jaaka re tshela. O na A nna ngwana, lekau, monna. O fentse Satane le dithaelo tsa gagwe tšotlhe, e le gore re tle re fenye.KMR 53.10

    O na A šwa go re boloka. Lefa janong A le kwa legodimong, ga A re lebale lefa e le ka nakonyana. O tla tshegetsa nku nngwe le nngwe ka polokesego. Ga go epe e e Mo salang morago e e ka tsewang ke mmaba yo mogolo.KMR 54.1

    Modisa o na a ka nna le dinku di le lekgolo, mme fa nngwe e ne e seyo o na a sa nne le tse di mo lesakeng. O na a ya go batla e e timetseng.KMR 54.2

    Kwa ntle lefifing ja bosigo, gare ga sefefo, godimo ga dithaba le megogoro, o na a tle a ye. O na a sa itapolose go tsamaye nku e bonwe.KMR 54.3

    Foo o na a e tsaya mo mabogong a gagwe, mme a e sikare a e busetse kwa lesakeng. O na a sa ngongorege ka patlo e telele, e e thata, mme ka boitumelo o na a re:KMR 54.4

    “Itumeleng le nna, gonne ke bonye nku etšho e e neng e timetse.” Luke 15: 4-7.KMR 54.5

    Jalo tlhokomelo ya Mmoloki-Modisa ga e mo go ba ba mo lesakeng fela. A re, “Morwa Motho O tsile go boloka se se latlhegileng.” Mathaio 18: 11.KMR 54.6

    “Kea lo raya, Go tla nna boitumelo fela jalo kwa legodimong, kaga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang, bogolo go kaga ba ba siameng ba ba mašome a a ferang o le mongwe le bofera o le mongwe, ba ba sa direng boikwatlhao sepe.” Luke 15: 7.KMR 54.7

    Re leofile, mme re dule mo Modimong. Keresete A re re tšhwana le nku e e timetseng ya tšwa mo sakeng. O tsile go re thusa go tshela kwa ntle ga boleo. Mo O go bitsa go re busetsa lesakang.KMR 54.8

    Fa re boya le Modisa, mme re khutla go leofa, Keresete A re go baengele ba ba kwa legodimong: “Itumeleng le Nna; gonne Ke bonye nku ya Me e e neng e timetse.”KMR 54.9

    Mme pako ya boitumelo e utlwala e tšwa mo baopeding ba baengele e tlatsa Legodimo jotlhe ka melodi e e monate.KMR 54.10

    Keresete ga A re bontshe setšhwantsho sepe sa modisa yo o boyang a hutsafetse kwa ntle ga nku. Tšholofetso ke e gore ga go lefa e le nngwe fela ya dinku tse di timelang tsa Modimo e e sa tlhokomelweng.KMR 54.11

    Ga go epe e e tlogelwang e sa thusiwa. Nngwe le nngwe e e tla ineelang go rekololwa, Mmoloki O tla e golola mo boleung.KMR 54.12

    Foo a motimedi mongwe le mongwe yo o duleng lesakeng a nametsege. Modisa yo O Molemo Oa go batla. Gakologelwa gore tiro ya Gagwe ke go “boloka se se timetseng.” Go rewa wena.KMR 55.1

    Go belaela go ka nna teng ga poloko ya gago ke go belaela thata e e bolokang ya Ene yo O go rekileng ka tlhwatlhwa e e senang selekanyo. Lesa tumelo e tsee boemo jwa go se dumele. Leba diatla tse di neng tsa tlhabelwa wena, mme O itumele mo thateng ya tsone go boloka.KMR 55.2

    Gakologelwa gore Modimo le Keresete ba kgatlhega mo go wena, le gore lešomosomo jotlhe ja legodimo le mo tirong ya poloko ya baleofi.KMR 55.3

    Erile Keresete A le mo lefatshing, O bontshitse ka dikgakgamatso tsa Gagwe gore O na A na le thata go boloka le go ya bokhutlong. Ka go fodisa malwetse a mmele, O bontshitse gore O na A nonofile go tlosa boleo jwa pelo.KMR 55.4

    O tsamaisitse ditlhotsa, A utlwisa bosusu, A bontsha difofu. O ntlafaditse balepero ba ba humanegileng, mme A fodisa monna yo o na a na le teteselo, le ba ba neng ba na le mefuta yotlhe ya malwetse.KMR 55.5

    Ka lefoko ja Gagwe, le e leng badimona ba ne ba lelekwa mo go ba ba neng ba ntse ba le mo go bone. Ba ba bonyeng tiro e e gakgamatsang e ba ne ba tseana, mme ba re: “Ana lefoko je, ke jang? Ka gonne O laola mewa e e mašwe ka thata le ka nonofo, mme e tšwe.” Luke 4: 36.KMR 55.6

    Mo taolong ya Jesu, Petere o na a nonofa go tsamaya godimo ga metse. Mme o na a tšhwanetse go tlhoma matlho a gagwe mo Mmoloking. O rile fela ka bofefo fa a tlosa matlho a gagwe mo go Ene a simolola go belaela le go nwela.KMR 55.7

    Foo a goa, “Morena, mpoloka,” mme seatla sa Mmoloki sa otlololelwa kwa go ene go mo tšholetsa. Mathaio 14: 28-31. Jalo fa mongwe a goela kwa go Ene go thusiwa, seatla sa Keresete se otlololelwa go thusa.KMR 55.8

    Mmoloki O tsoseditse bašwi botshelong. Mongwe wa ba e ne e le morwa mosadi wa motlholagadi kwa Naine. Batho ba ne ba mo isa kwa phupung, fa ba rakana le jesu. A tsaya lekau ka seatla, A mo tšholetsa, mme A mo naya mmagwe a tshedile. Foo setlhopha sa boela magaeng a bone ka lošalaba lwa boitumelo le dipako tse di bakang Modimo.KMR 55.9

    Fela jalo morwadia Jairo o na a tšosiwa, mme ka lefoko ja ga Keresete, Lasaro, yo o na a setse a šule malatsi a le mane, o na a bidiwa go tšwa mo phupung.KMR 56.1

    Jalo mogang Keresete O tla tlang mo lefatshing, lentšwe ja Gagwe le tla phunya diphupu, mme “bašwi ba ba šwetseng mo go Keresete ba tla tšogela” kgalalelong, botshelong jo bo sa šweng; mme jalo ba tla nnela ruri le Morena.” 1 Bathes. 4: 16, 17.KMR 56.2

    E ne e le tiro e e gakgamatsang e e dirilweng ke Morena Oa rona fa A sa ntse A le mono tirelong ya Gagwe ya lefatshe. Kaga tiro e O buile mo karabong e O e rometseng kwa go Johane Mokolobetsi. Johane o na a le mo kgolegelong, mme o na a setse a tlhobogile; o na a bile a setse a tšhwenyegile ke pelaelo ya gore a ruri Jesu e ne e le Mesia. Jalo a romela bangwe ba balatedi ba gagwe go botsa Mmoloki:KMR 56.3

    “A ke Wena yo O tlang, kgotsa a ke re lebelele o sele.”KMR 56.4

    Erile barongwa ba tla kwa go Jesu, ga bo go na le balwetse ba le bantsi fa go Ene, ba O nang A ba fodisa. Letsatsi jotlhe barongwa ba leta, fa A ntse A dira ka go sa itsape go thusa ba ba tlhokofaditšweng. Kwa bofelong A re:KMR 56.5

    “Tsamayang, lo ye lo bolelele Johane dilo tse lo di utlwang, le tse lo di bonang: difofu dia bona, batlhotsi baa tsamaya, balepero baa ntlafadiwa, babosusu baa utlwa, bašwi baa tšosiwa, le bahumanegi ba rerelwa Mafoko a a Molemo.” Matha. 11:3-5.KMR 56.6

    Jalo, ka dingwaga di le tharo le bontlhanngwe, Jesu O nnile “A tsamaya tsamaya A ntse A dira molemo.” Foo nako ya tla ya gore tirelo ya Gagwe mo lefatshing e wediwe. Le barutwa ba Gagwe O tshwanetse go tlhatlogela kwa Jerusalema go ya go okwa, go sekisiwa, le go bapolwa.KMR 56.7

    Jana go no go na le go diradiwa mafoko a e leng a Gagwe, “Modisa yo o Molemo o beela dinku botshelo jwa Gagwe.” Johane 10: 11.KMR 56.8

    “Ruri, O ntse A rwele pelodibotlhoko tsa rona. A sikara mahutsana a rona; . . . O na A ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, A teketelwa maikepo a rona; petšo e e re direlang kagišo e ne e le mo go ene; re bile re fodisiwa ka dingalo tsa Gagwe. Rona rotlhe re timetse jaaka dinku; mongwe le mongwe o fapogetse kwa tseleng e e leng ya gagwe: mme Jehofa O kokwanyeditse maikepo otlhe a rona mo go Ene.” Isaia 53: 4-6.KMR 56.9

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents