Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 18—FA PELE GA ANASE, KAIAFASE, LE LEKGOTLA JA BAJUDA

    Jesu O setšwe morago go tšwa mo tshimong ya Gethesemane ke bontsi jo bo kuang. A tsamaya ka tlhokofalo, gonne diatla tsa Gagwe di ne di bofilwe thata, mme A bo A disitšwe ka katamelo e kgolo.KMR 78.1

    O na A isiwa pele kwa tlung ya Anase, yo o na a kile a ne a le moperisiti yo mogolo, mme bonno jwa gagwe janong bo nong bo tladitšwe ke mogwe wa gagwe, Kaiafase. Anase wa moikepi o na a kopile gore e nne ene wa ntlha go bona Jesu wa Nasaretha a le legolegwa je le tšhwerweng. O na a šolofetse go ntsha mo go Ene tshupo nngwe e ka yone o ka bonang go Mo naya molato.KMR 78.2

    Ka kgopolo e a botsa Mmoloki kaga barutwa ba Gagwe le dithuto tsa Gagwe. Keresete A fetola:KMR 78.3

    “Ke buile le lefatshe ka ponalo; gale Ke ntse Ke ruta mo matlung a thuto le mo tempeleng, kwa Bajuda botlhe ba phuthegelang gone; mme ga Kea buela sepe mo sephiring.”KMR 78.4

    Foo, A retologela mmotsing, A re, “O mpoletsang? botsa ba ba nkutlwileng, se ke se buileng.” Johane 18: 20, 21.KMR 78.5

    Baperisiti ka bosi ba ne ba beile ditlhola go disa Keresete le go bolela lefoko lengwe le lengwe la Gagwe. Ka ditlhola tse ba ne ba itse kaga dipolelo tsa Gagwe le tiro ya Gagwe mo phuthegong nngwe le nngwe ya batho e O na A e tsenye. Ditlhola di ne di batlile go mo tšhwara mo mafokong a Gagwe, gore di tle di bone sengwe se di ka Mo sekisang ka sone. Jalo Mmoloki A re, “Botsa bone ba ba nkutlwileng.” Eya ditlholeng tsa gago. Di utlwile se Ke se buileng. Di ka go bolelela gore dithuto tsa Me e ntse e le dife.KMR 78.6

    Mafoko a ga Keresete a na a hukutsa mo go kalo a bile a tlhamaletse mo moperisiti o ikutlwileng gore legolegwa ja gagwe le ne le bala moya wa gagwe.KMR 78.7

    Mme mongwe wa batlhanka ba ga Anase, ka go gopola gore morena wa gagwe o na a sa tšholwa ka tlotlo, a itaya Jesu mo sefatlhogong a re:KMR 78.8

    “A O fetola moperisiti yo mogolo jalo?”
    Mo go se Jesu ka bonolo A re:
    “Fa ke buile bosula, supa kaga bosula: mme fa Ke buile sentle,
    O nkgatlelang?” 18: 22, 23.
    KMR 79.1

    Keresete O ka bo A biditse mephato ya baengele kwa Legodimong go tla thusong ya Gagwe. Mme e ne e le kabelo ya thomo ya Gagwe go itshokela mo bothung jwa Gagwe ditšhotlo tšotlhe le dithogo tse batho ba ka di phuthelang mo go Ene.KMR 79.2

    Go tšwa mo tlung ya ga Anase, Mmoloki O isitšwe kwa tlung ya bogosi ya ga Kaiafase. O na A tšhwanetse go sekisiwa fa pele ga Sanhedrim (lekgotla ja Bajuda), mme erile fa ditokololo tsa jone di sa ntse di bidiwa go phuthega, Anase le Kaiafase gape ba Mmotsa, mme ba se ka ba bona tshito.KMR 79.3

    Erile ditokololo tsa Sanhedrim di phuthegile, Kaiafase a tsaya setulo sa gagwe jaaka mogolo. Mo ntlheng tšotlhe tsa gagwe ga bo go le baatlhodi; fa pele ga bone ga bo go eme batlhabani ba Baroma ba disitse Mmoloki; kwa morago ga ba ga bo go le bontsi jo bo mmayang molato.KMR 79.4

    Kaiafase foo a laola Jesu go dira nngwe ya dikgakgamatso tsa Gagwe tse di nonofileng fa pele ga bone. Mme Mmoloki A se ka A naya tshupo ya gore O na A utlule lefoko lefa le le lengwe fela. Fa A ka bo A dumetse lefa e le ka tebo e le nngwe fela e e batlang, e e tshwanang le e O e neileng bareki le barekisi mo tempeleng, lesomo jotlhe ja babolai le ka bo le Mo tshabile.KMR 79.5

    Go šwetsa maikaelelo a bone a a bosula, ba tšhwanetse go bona sengwe se se ne se tla fitlhelwa se le molato kgatlhanong le Mmoloki ke molaodi wa Moroma. Ba ne ba ka bona ditshupo di le dintsi gore Keresete O na A buile kgatlhanong le dingwao tsa Sejuda le di le dintsi tsa ditirelo tsa bone. Go no go le motlhofo go supa gore O na A bopetse baperisiti le bakwadi, le gore O na A ba biditse baitimokanyi le babolai. Mme mo go no go sa kake ga reediwa ke Baroma, gonne bone ka bosi ba ne ba tenegile ke maitimokanyo a Bafarisai.KMR 79.6

    Melato e le mentsi ya newa Keresete, mme e ne e re gongwe basupi ba ganetsanye, gongwe tshupo e ne e nna e e bonalang fa e sa kake ya amogelwa ke Baroma. Ba leka go Mo dira go bua A araba dipateletšo tsa bone, mme A lebega jaaka ekete ga a ka A ba utlwa. Tidimalo ya ga Keresete mo lobakeng lo e ne e tlhalositšwe ke moperofeti Isaia:KMR 79.7

    “O na A patikwa, lefa go ntse jalo A ikisa tlase fela, A se ka A ba A tšwa molomo; jaaka kwanyana e e gogelwang kwa tlhabong, le jaaka nku e le semumu fa pele ga babeodi ba yone; E, ga A ka A tšwa molomo gope.” Isaia 53: 7.KMR 80.1

    Baperisiti ba simolola go boifa gore ba ne ba tla palelwa go bona tshupo epe e ba neng ba ka e lere kgatlhonong le legolegwa ja bone fa pele ga Pilate. Ba ikutlwa gore teko e le nngwe fela ya bofelo e tšhwanetse go dirwa. Moperisiti yo mogolo a tšholeletsa letšogo ja gagwe je legolo kwa Legodimong, mme a bua le Jesu ka mokgwa wa maikano a a masisi:KMR 80.2

    “Kea Go ikanisa ka Modimo O O tshedileng, ka re, O re bolelele, go re, a O Ene Keresete, Morwa Modimo?” Mathaio 26: 63.KMR 80.3

    Mmoloki ga A ka A gana thomo ya Gagwe lefa e le kopano ya Gagwe le Rara. O na A ka didimalela go rogakiwa, mme O na A bua ka thanolo le ka tlhomamiso fa tiro ya Gagwe gongwe bo — Morwa Modimo jwa Gagwe bo no bo bodiwa.KMR 80.4

    Tsebe nngwe le nngwe e ne e sekegetšwe go utlwa, le leitlho lengwe le lengwe le ne le tlhomilwe go Ene jaaka A fetola:KMR 80.5

    “O boletse.”KMR 80.6

    Mo mokgweng wa metlha eo mo go no go tšhwana fela le go araba ka gore, “E,” kana, “Ke jaaka O buile.” E e ne e le karabo e e nonofileng thata ya go dumela. Lesedi ja selegodimo ja lebega ekete le bonesa sefatlhogo se se thunyeditšweng sa Mmoloki jaaka A oketsa:KMR 80.7

    “Lefa go ntse jalo Kea lo raya, kwa pele lo tla bona Morwa Motho A dutse kafa letšogong je legolo ja nonofo, mme A tla ka maru a legodimo.” Mathaio 26: 64.KMR 80.8

    Mo polelong e Mmoloki O beile phetogo ya pono e lobakeng loo e neng e le teng. O supile kwa lobakeng lo lo kwa pele mogang O tla tsayang maemo a Moatlhodi yo mogolo wa Legodimong le lefatshe. Foo O tla dula mo setulong sa Rara sa bogosi, mme mo katlholong tsa Gagwe ga go ketla go nna le boipiletšo (go fetela ko pele).KMR 80.9

    A lere fa pele ga bautlwi ba Gagwe pono ya letsatsi jeo, mogang, mo boemong jwa go dikanyediwa le go sotlwa ke setlhopha sa barukhutlhi, O tla tla mo marung a Legodimo ka nonofo le kgalalelo e kgolo. Foo O tla bopelwa ke mephato ya baengele. Foo O tla bolela katlholelo mo babeng ba Gagwe, ba gare ga bone e tla nnang sone setlhopha sele sa bapateletsi.KMR 80.10

    Jaka Jesu A bua mafoko a ipolela fa e le Morwa, Modimo le Moatlhodi wa lefatshe, moperisiti yo mogolo a gagola kobo ya gagwe, jaaka ekete o bontsha themego marapo ya gagwe. A tšholeletsa diatla tsa gagwe kwa Legodimong, mme a re:KMR 81.1

    “O buile tlhapatšo: re sa ntse re dirang basupi? bonang, janong lo utlwile go tlhapatsa ga Gagwe: lo gopola jang?”KMR 81.2

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents