Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 1—BOTSALO JWA GA JESU

    Mo motsaneng o o monnye wa Nasaretha o o etlaetlegang gare ga dithaba tsa Galilea, go no go le legae ja ga Josefa le Maria, ba e rileng kwa morago ba itsiwe ka gore ke batsadi ba selefatshe ba ga Jesu.KMR 7.1

    Josefe e ne e le wa lotso lwa ga Dafide; mme jalo, erile taolo e ntshiwa ya gore batho ba kgethisiwe, o na a na le go ya kwa Bethelehema, motse wa Dafide, go ya go kwala leina ja gagwe. Lo e ne e le loeto lo lo bokete, ka go ya ka fa batho ba neng ba tsamaya ka teng mo metlheng eo. Maria, yo o nang a tsamaya le monna wa gagwe, o na a lapile thata jaaka a tlhatloga thaba e Bethelehema o no o eme go yone.KMR 7.2

    O na a eletsa jang bonno jo bo gomotsang jo o na a ka itapolosa go jone! Mme matlo a baeti a na a setse a tletse. Bahumi le baikgodisi ba ne ba tlhokometšwe sentle, fa baeti ba ba bonolo ba bone ba nna le go iponela bonno mo ba ka itapolosang mo loobong lo dikgomo di neng di nna teng.KMR 7.3

    Josefe le Maria ba ne ba na le go le gonnye ga dikhumo tsa lefatshe, mme ba ne ba na le lorato lwa Modimo, mme lo lwa ba dira go nna le lodule le kagišo. Ba ne ba le bana ba Kgosi ya legodimo, e e neng e le gaufi le go ba naya tlotlo e e gakgamatsang.KMR 7.4

    Baengele ba ne ba ntse ba ba disitse fa ba le mo loetong lwa bone, mme erile bosigo bo tla, mme ba itapolosa, ba ne ba sa tlogelwa ba le bosi. Baengele ba ne ba sa ntse ba na le bone.KMR 7.5

    Teng koo, mo loobong lwa boikokobetšo, Jesu Mmoloki 0 na A tsalwa mme A bewa mo bojelong jwa dikgomo. Mo sebeelong seo se se sa tšhwanelang go no go rapame Morwa Mogodimodimo,— Ene yo boteng jwa Gagwe bo nong bo tladitse makgotla a legodimo ka kgalalelo.KMR 7.6

    Pele ga a tla mo lefatshing, Jesu O na A le Molaodi wa mašomošomo a baengele. Ba ba phatsimang go gaisa ba ba goleditšweng segolo ba bomorwa phepafalo ba opetse mokgosi kgalalelo ya Gagwe kwa tlholegong. Ba bipa difatlhogo tsa bone fa pele ga Gagwe jaaka A dutse mo teroneng ya Gagwe. Ba latlhela fatshe dirwalo tsa bone fa dinaong tsa Gagwe, ba opela diphenyo tsa Gagwe jaaka ba lebile bogolo jwa Gagwe.KMR 7.7

    Lefa go ntse jalo Motshedi yo yo O galalelang O ratile moleofi wa sehumanegi, mme A tsaya setšhwano sa motlhanka, gore A tle A utlwe botlhe mme A re šwele.KMR 8.1

    Jesu O ka bo A na A nna fa lotlhakoring lwa ga Rragwe, a apere serwalo sa segosi le kobo ya bogosi; mme ka ntlha ya rona O na A tlhopha go ananya dikhumo tsa Legodimo ka lehuma ja lefatshe.KMR 8.2

    O na A tlhopha go tlogela manno a Gagwe a bolaodi jo bogolo, go tlogela baengele ba ba neng ba Mo rata. Tlotlo ya bontsintsi jwa legodimo A tlhopha go e ananya ka tšhotlo le kgobo ya batho ba baikepi. Go tšwa loratong lo lo tlang go rona, A amogela botshelo jwa mathata le lošo lwa botlhabisa ditlhong.KMR 8.3

    Gotlhe mo Keresete O go dirile go bontsha ka fa O re ratang ka teng. O ntse mo lefatshing go re bontsha kafa re ka tlotlang Modimo ka go ikobela go rata ga One. O dirile mo e le gore ka go latela dikai tsa Gagwe re tle re nonofe kwa bofelong go aga le Ene mo legaeng ja Gagwe ja selegodimong.KMR 8.4

    Baperisiti le balaodi gare ga Bajuda ba ne ba sa ipaakanyetsa go amogela ka boitumelo Jesu. Ba ne ba itse gore ka bonako Mmoloki O na A tloga A tla, mme ba ne ba lebeletse gore O tla nna kgosi e e nonofileng e e neng e tla ba humisa e ba godisa. Ba ne ba ikgodisitse thata go gopola gore Mesia O ka nna ngwanyana fela yo o senang thuso.KMR 8.5

    Jalo erile Keresete a tsalwa, Modimo ga Oa ka Oa go ba senolela. O no Oa romela mafoko kwa badiseng bangwe ba ba neng ba disitse matšomane a bone mo dithabaneng tsa Bethelehema.KMR 8.6

    Ba e ne e le banna ba ba molemo, mme erile ba disitse dinku tsa bone bosigo, ba buisanya mmogo ka Mmoloki, yo O solofeditšweng, mme ba rapela ka tlhoafalo e kalo mo ebileng Modimo Oa romela barongwa ba kgalalelo ba tšwa teroneng ya One ya kgalalelo go tla go ba ruta.KMR 8.7

    “Mme moengele wa Morena a ema fa go bone, le kgalalelo ya Morena ya phatsima ntlheng tšotlhe tsa bone; mme ba boifa ka poifo e kgolo.KMR 8.8

    “Mme moengele a ba raya, a re, Se boifeng; gonne, bonang, ke lo lereditse mafoko a a molemo, a boitumelo jo bogolo, jo bo tla diralelang batho botlhe. Gonne, gompijeno, mo motsing wa ga Dafide, lo tsaletšwe Mmoloki, yo e leng Keresete Morena.KMR 8.9

    “Mme se, e tla nna sešupo mo go lona; lo tla fitlhela ngwanyana a phuthetswe ka matsela, a letse mo bojelong jwa dipitse.KMR 9.1

    “Mme ba tšhogana ka moengele a bile a na le bontsintsi jwa lešomošomo ja legodimo, ba baka Modimo, ba re, Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimong, le kagiso e nne mo lefatshing, mo bathung ba O kgatlhegang thata mo go bone.KMR 9.2

    “Mme ga dirala erile baengele ba sena go ba tlogela ba ya legodimong, badisa ba raana, ba re, A re yeng fela jana kwa Bethelehema, re bone selo se, se se diretseng, se Morena O se re itsisitseng.KMR 9.3

    “Mme ba tla ka potlako; mme ba fitlhela Marie, le Josefe, le ngwanyana a letse mo bojelong jwa dipitse. Mme ya re ba sena go bona, ba itsise mo ntlheng tšotlhe lefoko je ba le boleletšweng kaga ngwana yo.KMR 9.4

    “Mme botlhe ba ba utlwang ba gakgamadiwa ke dilo tse badisa ba di ba bolelelang. Mme Marie a boloka dipolelo tšotlhe tse, a di akanya mo pedung ya gagwe.” Luke 2: 9-19.KMR 9.5

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents