CHAPTER 19—JUDASE
- KETAPELE
- CHAPTER 1—BOTSALO JWA GA JESU
- CHAPTER 2—JESU A NEELWA MO TEMPELENG
- CHAPTER 3—KETELO YA BANNA BA BA BOTLHALE
- CHAPTER 4—TSHABELO KWA EGEPETO
- CHAPTER 5—BOTSHELO JWA BONGWANA JWA GA JESU
- CHAPTER 6——MALATSI A TLHABANO
- CHAPTER 7—KOLOBETŠO
- CHAPTER 8—THAELO
- CHAPTER 9—TIRELO YA TSHIMOLOGO
- CHAPTER 10—DITHUTO TSA GA KERESETE
- CHAPTER 11—TSHEGETŠO YA SABATA
- CHAPTER 12—MODISA YO O MOLEMO
- Mašome a Feramongwe le Boferamongwe
- CHAPTER 13—PALAMELO MO JERUSALEMA
- CHAPTER 14—“TLOSANG DILO TSE FA”
- CHAPTER 15—KWA SELALELONG SA TLOLAGANYO
- CHAPTER 16—MO GETHESEMANE
- CHAPTER 17—KOKO LE TŠHWARO
-
- CHAPTER 19—JUDASE
- CHAPTER 20—PELE GA PILATE
- CHAPTER 21—FA PELE GA HERODE
- CHAPTER 22—O BONWA MOLATO KE PILATE
- CHAPTER 23—KHALEFARI (Golgotha)
- CHAPTER 24—LOSO LWA GA KERESETE
- CHAPTER 25—MO PHUPUNG YA GA JOSEFA
- CHAPTER 26—“O TŠOGILE”
- CHAPTER 27—EYA O BOLELELE BARUTWA BA ME
- CHAPTER 28—BASUPI
- CHAPTER 29—TLHATLOGO
- CHAPTER 30—O TLA GAPE
- CHAPTER 31—LETSATSI JA KATLHOLO
- CHAPTER 32—LEGAE JA BABOLOKWA
Search Results
- Results
- Related
- Featured
- Weighted Relevancy
- Content Sequence
- Relevancy
- Earliest First
- Latest First
- Exact Match First, Root Words Second
- Exact word match
- Root word match
- EGW Collections
- All collections
- Lifetime Works (1845-1917)
- Compilations (1918-present)
- Adventist Pioneer Library
- My Bible
- Dictionary
- Reference
- Short
- Long
- Paragraph
No results.
EGW Extras
Directory
CHAPTER 19—JUDASE
BALAODI ba Bajuda ba ne ba ntse ba tlhobaeletse go tsenya Jesu mo thateng ya bone, mme ka go boifa go tšosa modumo mo bathung ba se ka ba leka go Mo tsaya pontsheng. Jalo ba ne ba batlile mongwe yo o ka Mo okang ka sephiri, mme ba ne ba bonye mo go Judase, mongwe wa barutwa ba ba šome le bobedi, monna yo o na a ka dira tiro e e nyatsegang e.KMR 82.1
Judase ka tlholego o na a na le go rata madi thata, mme o na a ntse a se boikepo le sebodu ka metlha go le kalo mo o ka dirang tiro e e ntseng jana. O na a pepetleditse moya o o bosula wa bogagaru go tsamaya e nna one mokgwa o o laolang botshelo jwa gagwe, mme janong o na a ka rekisa Morena wa gagwe ka dipapetlana di le mašome marrao tsa silefera, (e ka ne e le ponto tse tharo le lešome), tlhwatlhwa ya legolegwa. Ekesodo 21: 28-32. Janong o na a ka oka Mmoloki ka katlo mo Gethesemane.KMR 82.2
Mme o latetse kgato nngwe le nngwe yo Morwa Modimo, jaaka A tsamaile go tšwa mo tshimong go ya kwa tshekisong kwa pele ga balaodi ba Bajuda. O na a sena mogopolo wa gore Mmoloki O tla letla Bajuda go Mmolaya, jaaka ba ne ba bopetse go dira.KMR 82.3
Ka nakwana nngwe le nngwe o na a lebeletse go bona A gololwa mme a sirelediwa ke thata ya Modimo, jaaka go no go dirilwe mo dinakong tse di fetileng. Mme erile fa dinako di ntse di feta, mme Jesu ka tidimalo A ineela mo lobekong lotlhe lo lo koweletsweng go Ene, poifo e boitshegang ya tlela mooki, ya gore ruri o na a okile Moruti wa gagwe go ya losung lwa Gagwe.KMR 82.4
Yare tsheko e ya kwa bofelong, Judase o na a sa tlhole a na le go itshokela tlhokofatšo ya segakolodi sa gagwe se se molato. Gotlhe ka gangwe fela ga utlwala lentšwe je le magwata mo tlung, je le rometseng poifišo mo go botlhe ba ba neng ba le teng:KMR 82.5
Ga A na molato. Mo rekegele, Tšwe Kaiafase. Ga A dira sepe se se tšhwanetseng lošo.KMR 82.6
Setšhwano se se leele sa ga Judase sa bonwa se itshukelela mo teng ga bontsi. Sefatlhogo sa gagwe se ne se thunyeditšwe se se tlhaga, mme marothodi a magolo a mofufutso a nna mo phatleng ya gagwe. Ka go itlhaganelela kwa setulong sa katlholo, a latlhela fa fatshe fa pele ga moperisiti yo mogolo dipapetlana tsa silefera tse e neng e le tšone tlhwatlhwa ya koko ya Morena wa gagwe.KMR 82.7
Ka tlhoafalo a tšhwara seaparo sa ga Kaifase, mme a mo rapela go golola Jesu, a bolela gore O na a sa dira molato ope. Kaiafase a mo itlhotlhora ka bogale, mme a re ka tšhotlo:KMR 83.1
“Ana go mo re go dirang? Go itse go na nao fela.” Mathaio 27: 4.KMR 83.2
Judase foo a itatlhela fa dinaong tsa Mmoloki. A bolela gore Jesu e ne e le Morwa Modimo, mme a Mo rapela go ikgolola mo babeng ba Gagwe.KMR 83.3
Mmoloki O itsile gore Judase o na a sa ikwatlhaela ka boammaaruri se o se dirileng. Morutwa wa tsietšo o na a boifa gore petšo e ne e tla mo tlela ka ntlha ya tiro ya gagwe e e boitshegang: mme a se ka a ikutlwa bohutsana jwa boammaaruri ka go bo a na a okile Morwa Modimo yo o senang selabe.KMR 83.4
Lefa go ntse jalo Keresete A se ka A bua go ene lefoko lepe ja tshekiso. A leba ka kutlwelo-botlhoko go Judase, mime a re:KMR 83.5
“Ke tletse nako e e ntseng jana mo lefatshing.”KMR 83.6
Tumadumo ya kgakgamalo ya utlwala mo bontsing. Ka kgakgamalo ba leba boiphapaanyo jwa ga Keresete mo mooking ga Gagwe.KMR 83.7
Judase a bona gore merapelo ya gagwe e ne e ntse lefela, mme a itlhaganela a tšwa mo tlung, a goa:KMR 83.8
Go diegile! Go diegile!KMR 83.9
A ikutlwa gore o na a se kake a tshela go bona Jesu A bapolwa, mme mo tlhobogong a tšwa a ya a ipega.KMR 83.10
Kwa morago gone mo letsatsing jeo, mo tseleng e tšwang mo tlung ya katlholo ya ga Pilatwe go ya kwa Khalefari, lešomo ja baikepi le ne le isa Mmoloki kwa felong ga papolelo. Ka tšhoganetšo ga tla sengwe se se ba nteileng molomo mo go goeng le go shotleng ga bone. Yare ba feta felo fa go letlotla ba bona fa tlase ga setlhare se se šuleng mmele o o šuleng wa ga Judase.KMR 83.11
E ne e le pono e e tenang. Bokete jwa gagwe bo no bo kgaotse mogala o o na a ipegile ka one mo setlharing. Mo go weng, mmele wa gagwe o no o gagogile mo go boitshegang, mme dintša janong di ne di o kometsa.KMR 83.12
Ka bonako setoto sa gagwe sa fitlhwa; mme ga nna le tšhotlo e nnye janong,, mme difatlhogo tse dintši tse di thunyeditšweng tsa senola megopolo e e boifang mo teng. Tefetšo ya lebega ereke e setse e etetse bone ba ba neng ba le molato wa madi a ga Jesu.KMR 83.13