Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 3—KETELO YA BANNA BA BA BOTLHALE

    Modimo O no O batla batho go itse kaga go tla ga ga Keresete lefatshing. Baperisiti ba ka bo ba rutile batho go lebelela go tla ga Mmoloki; mme bone ka bosi ba ne ba sa itse ka go tla ga Gagwe.KMR 13.1

    Jalo Modimo Oa romela baengele go bolelela badisa gore Keresete O na A tsetšwe, le kwa ba neng ba ka Mo fitlhela teng.KMR 13.2

    Jalo, gape, e rile Jesu a leriwe mo tempeleng, go no go le ba ba Mo amogetseng jaaka Mmoloki. Modimo O no O bolokile matshelo a bo Simeone le Ana, mme ba ne ba nna le lobaka lo lo ntle lwa go šupa kaga Jesu gore e ne e le Ene Mesia yo O na A šolofeditšwe.KMR 13.3

    Modimo O no O raya bangwe, fela jaaka Bajuda, go itse gore Keresete O na A tsile. Mo lefatshing je le kgakala kwa botlhabatsatsi go no go le banna ba ba botlhale ba ba neng ba ithutile dipolelelopele kaga Mesia, mme e le ba ba neng ba dumela gore go tla ga Gagwe go no go le gaufi.KMR 13.4

    Bajuda ba ne ba bitsa banna ba baheidane; mme ba ne ba se baobamedi ba medimo ya disetwa. E ne e le banna ba ba ikanyegang, ba ba neng ba batla go itse boammaaruri, le go dira go rata ga Modimo.KMR 13.5

    Modimo O leba pelo, O no O itse gore banna ba ba ne ba ka ikanngwa. Ba ne ba le mo boemong jo bo botoka go amogela lesedi je le tšwang kwa Legodimong go gaisa baperisiti ba Bajuda, ba ba neng ba tletse boithato le boikgodišo.KMR 13.6

    Banna ba ba botlhale e ne e le barata-botlhale. Ba ne ba ithutile tiro ya diatla tsa Modimo mo tlholegong, mme ba ne ba ithutile go O rata gone. Ba ne ba ithutile dinaledi, mme ba ne ba itse go tsamaya ga tšone.KMR 13.7

    Ba ne ba rata go lebelela ditlhopha tsa legodimo mo go tsamayeng ga tšone ga bosigo. Fa go no go bonwa naledi e ntšha, ba ne ba tle ba amogele ponalo ya yone jaaka tiragalo e kgolo.KMR 13.8

    Mo bosigong jo baengele ba tsileng kwa badiseng ba Bethelehema, banna ba ba botlhale ba ne ba lemogile lesedi je le sa tlwaelwang mo legodimong. E ne e le kgalalelo e e neng e dikanyeditse lešomo la baengele.KMR 13.9

    Erile lesedi je le ngômela, ba ne ba bonye kwa magodimong se se neng se lebega jaaka naledi e ntšha. Ka bonako ba gopola ka polelelopele e e reng, “Go tla tšwa naledi mo go Jakoba, le thobane ya bogosi e tla tšoga e tšwa mo go Iseraela.” Dipalo 24: 17. A naledi e e ne e le sešupo gore Mesia O na A tsile? Ba ikemisetsa go e sala morago, le go bona kwa e neng e tla ba gogela. Ya ba gogela mo Judea. Mme erile fa ba atamela Jerusalema, naledi ya fifala mo ba ileng ba retelelwa ke go e sala morago.KMR 14.1

    Ka ba gopola gore Bajuda ba ne ba ka ba kaela ka bonako kwa Mmoloki O gone, banna ba ba botlhale ba tsena mo Jerusalema, mme ba re, “O fa kae yo O tsetšweng Kgosi ya Bajuda? gonne re bonye naledi ya Gagwe re le kwa botlhabatsatsi, mme re tsile go Mo obamela.KMR 14.2

    Mme erile kgosi Herode a utlwa mo, a huduega, le motse otlhe wa Jerusalema nae. Mme a phutha baperisiti ba bagolo botlhe, le bakwaledi ba batho, a ba botsa kwa go tulweng Keresete O tla tsalelwa gone. Mme ba mo raya, ba re, Mo Bethelehema wa Judea; gonne go kwadilwe jalo ke moperofeti.”KMR 14.3

    Herode ga a ka a rata go utlwa ka kgosi e e ka reng letsatsi lengwe ya tsaya terone ya gagwe. Jalo a tseela banna ba ba botlhale kwa thoko, a ba botsa gore ba bonye naledi lwa ntlha leng. Foo a ba romela kwa Bethelehema, a re: “Eyang lo tlhotlhomise sentle kaga ngwanyana yoo: mme e tle e re lo sena go mmona, lo tle go nkitsise, gore le nna ke ye go Mo obamela.”KMR 14.4

    Erile banna ba ba botlhale ba utlwa mo ba simolola loeto lwa bone gape. “Mme bonang, naledi e ba e bonyeng ba le kwa botlhabatsatsi, ya ba etelela pele, ya tsamaya ya fitlha ya ema e okame golo fa ngwanyana o leng gone.”KMR 14.5

    “Mme ba fitlha ba tsena mo tlung, ba bona ngwanyana a na le Marie mmagwe; mme ba wela fa fatshe ba Mo obamela; mme ba ntsha mahumo a bone, ba Mo ntshetsa dineo; gouda, le malao a lebano le mera.” Mathaio 2: 2-11.KMR 14.6

    Dilo tse di tlhokegang bogolo tse ba ne ba na natšo, banna ba ba botlhale ba di lere go Mmoloki. Selong se ba re beela sekao. Ba le bantsi ba naya ditsala tsa bone tsa selefatshe, mme ga ba na dipe tsa Tsala ya bone ya selegodimo e e ba neileng masego otlhe. Ga rea tšhwanela go dira mo. Go Keresete re tšhwanetse go lere tse di molemo bogolo tsa tse re nang natšo —ga nako ya rona, madi, le lorato lwa rona.KMR 14.7

    Re ka naya ka go naya go gomotsa bahumanegi, le go ruta batho kaga Mmoloki. Ke gone re ka thusa go boloka ba O ba šwetseng. Dineo tse di ntseng jalo Jesu Oa di segofatsa.KMR 15.1

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents